Kgosi Seretse o kopa morafe go rotloetsa mophato
23 Mar 2026
Bangwato ba rotloeditswe go amogela tsosoloso ya mephato.
Se se builwe ke mothusa kgosi ya Bangwato, Kgosi Seretse Peter Khama kwa phuthegong ya kgotla kwa Mahalapye ka Labotlhano.
Kgosi Seretse o tlhalositse fa Kgosi Khama IV a tla bolotsa mephato e le mene Motsheganong a tlhola letsatsi, mme o gorosiwe a tlhola gararo.
Ka jalo, Kgosi Seretse mephato e tla akaretsa batho ba ba tshotsweng mogare ga dingwaga tsa 1991 le 2010. Mme o rotloeditse botlhe ba ba nang le keletso ya go ya mophatong,go ikwadisa kwa dikgotleng mo dikgaolong tsa gammangwato.
Kgosi Khama a re mephato e tla bolotswa e le mene ka gore go tsere sebaka go sa bolotswe mophato ka mabaka a a rileng. A re ka tshwanelo mephato e siana ka dingwaga di le tlhano a tlhalosa fa maikaelelo e le go tsosolosa ngwao le go bopa setshaba.
Mongwe wa baeteledipele ba thulaganyo ya mephato, Rre Martin Seretse o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go ya mophatong.
O kopile batsadi gore ba neela bana mefago le di dirisiwa tse dingwe, mme o gateletse gore ba banang le dingwaga tse di kwa morago, mme le bone ba a letlellwa go ya mophato o o tlaa bololang.
A re ba laleditse ba sepodise, baruti, bogakolodi le ba tshidilo maikutlo le ba-na-le-seabe ka kakaretso go tla tsaya karolo kwa tirong eo.
Monni mongwe wa Mahalapye, Rre Basimolodi Maute a re pele mephato e ne e sa bolotswe fela, ka go ne go nale thulaganyo e e faphegileng.
Mme Phillipine Mokubung ene o kopile Kgosi Seretseg gore ba gagamatse kgang ya dinako tsa diphitlho gore di dirwe phakela thata. Mme Mokubung gape o supile matshwenyego ka kapari ya bomme kwa dintsho a kopa gore go rotloediwe banana ka go tlotla loso. BOPA
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 23 Mar 2026




