Breaking News

Tshwaragano e ka tsisa pharologanyo

19 Mar 2026

Mothusa modulasetilo wa lekgotla la barui kwa Werda, Rre Tebogo Gaboitaolelwe a re tshwaragano ya barui mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa e ka tlisa pharologanyo mo go kganelang bolwetse jwa tlhako le molomo go goroga mo Botswana.

O buile jalo mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo jaaka ba ne ba abelwa dijo ke balemi mo kgaolong, e le tsela nngwe ya go tshwaragana le bone go tsenya letsogo mo go lwantsheng bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhagogileng kwa South Africa.

Rre Gaboitaolelwe o ne a tlhalosa fa ba abetswe P2 300 go tswa kwa Kokotsha ga mmogo le P200, morogo le dinawa go tswa mo baleming ba Werda, e le seabe sa bone sa go tshwaragana le barui ba ba ithaopileng go baakanya terata ya molelwane.

A re barui mo kgaolong eo, ba ne ba ipopa ditlhopha go tswa kwa Werda, Makopong, Draihoek le metse e mengwe go baakanya terata ya molelwane go itsa leruo go kgabanganya.

Rre Gaboitaolelwe o ne a tlhalosa fa ba simolotse tiro kgwedi ya Hirikgong morago ga bolwetse bo sena go tlhagoga kwa lefatsheng la South Africa. 

Are fa ba ithaopa, ba ne ba lebeletse gore e le banni ba Kgalagadi ba tswa kgakala ba ikaegile ka leruo bogolo jang kgomo le dihutshane.

O boletse fa go le pele, ba ne ba ithaopa ka didirisiwa tsa bone, mme se se itumedisang ele gore mo nakong ya gompieno, ba na le kemonokeng go tswa mo pusong.

O ne a tswelela ka go gwetlha banni ba metse yotlhe ee gaufi le terata go ema ka dinao go tshwaraganela tiro e.

Modulasetilo wa balemi, Mme Marea Mogotsinyane o ne a supa fa ba ne ba lemoga letlhoko la baithaopi, mme ba dumelana go thusa ka jaana puso e sa ntse e tshwere phage ka mangana ka ntlha ya letlhoko la madi.

Mme Mogotsinyane o ne a supa fa ba ikaelela go abela baithaopi ba terata ya molelwane, dijo tsa masimo e le bontlha bongwe jwa go ba leboga.

Molemisi go tswa kwa Werda-Kokotsha Mme Silvia Podisi o ne a lebogela balemi go bo ba bone go le botlhokwa go tsenya letsogo go thusa baithaopi ka bolwetse jwa tlhako le molomo bo ama mongwe le mongwe.

Mme Podisi o ne a tlhalosa fa mo kgaolong ya gagwe, ngwaga ono ba solofetse thobo ee nametsang ka pula e nele e le ntsi.

 Are thobo e tlaa ba thusa go abela baithaopi gore ba kgone go tia moko go dira tiro ya go baakanya terata ka manontlhotlho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Werda

Event : Potsolotso

Date : 19 Mar 2026