Breaking News

Ba ipelela letsatsi la mafatshe la poko

19 Mar 2026

Motlobo wa ditso wa Kgari Sechele I Museum o tla fetoga serala sa ditiragalo jaaka badiragatsi ba poko ya Setswana ba tlabo ba iteisana borathana ka Matlhatso.

Morulaganyi wa tiro, yo gape e leng moeteledipele wa Maruping Poetry Organisation, Mme Keabonye Bareeng a re ba tlaabo ba ipelela letsatsi la mafatshefatshe la poko ka setlhogo se se reng:Poko Sgarona.

A re ba solofetse phadisanyo e mashetla go tsweng mo baboking ba ba setseng ba itiretse maina jaaka Moroka Moreri, Tlharantlhophe le ba bangwe.

Mme Bareeng a re tlaabo ele tlholontsha mokgatlho o ipelela letsatsi la mafatshefatshe la poko, mme a re ba dumela fa ba tlaa tswelela ba dira jalo ngwaga le ngwaga.

A re tiragalo ya mofuta o, e thusa go lemoga le go akola talente ya baboki ka go farologana.

Le fa ntswa go sena meputso mo phadisanyong e, Mme Bareeng o kopa setshaba go ba rotloetsa, go tiisa baboki moko le gore ba kgone go itshela metsi ganong ka kitso ya bone ya ngwao.

Mme Bareeng a re ga ana pelaelo ya gore barati le barotloetsi ba itloso bodutu e tlang ka bodiragatsi jwa ngwao, ba tla ja mogopo o tletse ka gore phadisanyo e tlaa bo e le kwa godimo.

O gakolotse baboki go somarela tlhamo tsa bone, ka jalo a re ba gatise le go kwadisa kwa Copyringt Society of Botswana gore ope yo o dirisang ditiro tsa bone ba kgone go bona meputso.

Mme Bareeng a re Maruping Poetry Organisation e tlhamilwe ka ngwaga wa 2016, maikaelelo e le go somarela poko ya Setswana.

A re o dumela gore maiteko a mokgatlho a tswa tema ka o setse o alositse baboki ba jaanong poko ya bone e nowang moro lefatshe ka bophara. A re bangwe ba bone ba setse ba diragaditse mo mafatsheng a tshwana le Zambia, South Africa le United Kingdom.

“Maruping Poetry Organisation e simolotse go tshwara dikgaisanyo tsa poko ka ngwaga wa 2017.  E rile ka ngwaga wa 2019, ra tshwara Botswana International Poetry Festival e e neng e akaretsa baboki ba ba tswang South Africa, Mozambique le Zimbabwe,” ga tlhalosa Mme Bareeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Letsatsi la mafatshe fatshe la poko

Date : 19 Mar 2026