Breaking News

Mapodisi A Tlhotlhomisa Polao Kwa Tsabong

18 Mar 2026

Mapodisi kwa Tsabong a tshegeditse rre wa dingwaga tse di masome a mararo go ya kwa go tse di masome a mararo le botlhano go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le loso la mme mongwe.

Mookamela mapodisi kwa Tsabong, Superintendent Monnathebe Mphela, o tlhaloseditse BOPA ka Mosupologo gore mapodisi a ne ba begelwa tiragalo ke mongwe moagisanyi morago ga go utlwa mme mongwe a kua a kopa thuso, kgwedi eno e le lesome le boraro makuku.

Supt Mphela a re mapodisi a ne a ragogela teng mme ba fitlhela mme wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mararo go ya kwa go tse di masome a mararo le botlhano a rapaletse fa gare ga bobidibidi jwa madi, go lebega a tlhabilwe ka sengwe se se bogale.

 A re mapodisi a ne a mo ragosetsa kwa kokelong ya Tsabong, kwa ba bongaka ba fetileng ba kaya fa a setse a tlhokafetse.

E ne yare morago ga tiragalo, mmelaelwa a inaya naga mme mapodisi a mo tsaya ka motlhala go fitlhela ba mo tshwara maitseboa a lone letsatsi leo, 

Supt Mphela o supa, a bo a tlholosa fa mmelaelwa a ne a ile go itshupa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Tsabong ka Mosupologo.

O tlaa ya go itshupa gape kgwedi eno e le masome a mararo le bongwe.

Supt Mphela a re tiragalo e, ke ya ntlha mo kgaolong fa e sale ngwaga o no o simologa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 18 Mar 2026