Breaking News

Bodiredi Bo Rotloetsa Bojanala

18 Mar 2026

Badirelapuso ba makalana a a ka fa  tlase ga lephata la Ofisi ya ga Tautona le itshireletso ba ne ba boloditse letsholo la go katololo le go phepafatsa matangwana a a nosang diphologolo kwa lefelong la Nxai Pan National Park.

Ka fa tlase ga boeteledipele jwa Ofisi ya ga Molaodi, bodiredi bo ne jwa bona go le molemo go phepafatsa le go katolola matangwana ao ka jaana e le one a okang diphologolo go akolwa ke bajanala. Ba dirile jalo morago ga go wetsa bokopano jwa go nonotsha tirisanyo mmogo mo tirong, ka jalo ba lemoga botlhokwa jwa go dira tiro ya boithaopo.

Nxai Pan National Park e humile dimela tsa tlholego, diphologolo tsa naga ka mefuta ga mmogo le dinonyane tse di ngokang bajanala. Lefelo le, le fitlhelwa mo tseleng ya Maun-Francistown, dikhilomithara di ka tshwara lesome le botlhano go tswa mo motseng wa Phuduhudu. Mogokaganyi wa lephata la diphologolo mo kgaolong ya bokone bophirima, Rre Thebe Horatius o lebogetse tiro eo ya boithaopo a supa fa matangwana ao a le botlhokwa thata mo kgolong ya bojanala.

A re gantsi ba pompela metsi mo matangwaneng ao, bogolo jang ka nako ya lenyora mme a supa fa tlhokomelo ya one e le botlhokwa ka jaana a ngoka diphologolo ka go farologanya go tla go nwa metsi a a phepa. O supile fa matangwana ao, a katelwa ke boloko jwa diphologolo bogola jang ditlou ka di tsena mo teng ga metsi.

Rre Horatius a re gantsi ba thusiwa ke mekgatlho e e ikemetseng ya baithuti ga mmogo le bao ba ba etelang lefelo leo go tla go akola bontle jwa lone le gone go bona diphologolo.

Molaodi wa kgaolo ya bokone bophirima, Rre Thabang Waloka o lebogetse bopelontle jo bo supilweng ke bodiredi, a tlatsa ka gore mo nakong tse di thata jaaka seemo sa gompieno se lefatshe le wetsweng ke seru sa letlhoko la madi, go tlhoka mowa wa boipelego o o agaileng lefatshe leno.

Molaodi o supile fa seemo sa gompieno se batla tshwaragano ya popota mo maphateng ka go farologana gore ba kgone go isa ditlamelo kwa Batswaneng.

“Seemo sa gompieno ga se a iketla, se batla re eme ka dinao re ipelega. Ke lo akgolela tiro e lo e dirileng bogolo jang ka kgaolo ya rona e le yone boremelelo ja bojanala,” a tlatsa jalo.

Rre Waloka o ne a rotloetsa bodiredi go tsweledisa mowa wa neelano le tshwaragano le kwa ba berekelang teng, a ba kgothatsa go thusa setshaba ka lorato le tlotlo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Nxai Pan

Event : Letsholo la phepafatso matangwana

Date : 18 Mar 2026