Breaking News

Ngaka o rotloetsa boikgapo go thibela bolwetse jwa diphilo

17 Mar 2026

Bagogi ba motsoko, banwi ba bojalwa phetelela le ba ba tshelang ka malwetse a sukiri le madi a matona ba gakolotswe go itlhatlhoba ka ba le mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke bolwetsi jwa diphilo.

Seo se builwe ke ngaka ya diphilo, Dr Seabe Thupa ka letsatsi la mafatshe la diphilo le le neng le tshwaretswe kwa kgotleng ya Boseja Route 9 mo Maun ka Mosupologo.

Dr Thupa a re bolwetsi jwa diphilo bo borai ka jaana bo sa supe dikai dipe, ka jalo a rotloetsa morafe ka kakaretso go itlhatlhobela malwetsi a diphilo le a sa tshelanweng gore ba bone kalafi bolwetsi bo ise bo kekele.

“Dipatlisiso di supa fa bolwetsi jo bo ama batho ba le bantsi mme ba sa itse. Mo bathong ba le lesome, a le mongwe o lwala bolwetsi jwa diphilo ka jalo go botlhokwa gore fa o ile go bona ba botsogo ka bokoa bope fela, o ikopele le gone go tlhatlhoba diphilo,” ga tlhalosa Dr Thupa.

Dr Thupa a re diphilo ke karolo e botlhokwa thata mo mmeleng wa motho ka jaana di tlhatswa madi. Le fa bolwetse jwa diphilo bo le borai, e bile gape bo tlisa letshogo mo mothong, Dr Thupa o gateletse botlhokwa jwa go bo thibela ka go dira ditlhatlhobo tsa madi le motlhapo, go itshidila le gone go itlhatlhobela malwetsi a sukiri le madi a matona, ga mmogo le go ja dijo tse di itekanetseng.

A re go botlhokwa gore batho ba fokotse go ja letswai, mafura a mantsi le gone go fokotsa tiriso ya dipilisi jaaka tsa ditlhabi (pain killers) ka di ka ama diphilo fa motho a di nwa phetelela.

O supile gape fa mo Maun go le mogote o o feteletseng mme ka jalo a gakolola banni go nwa metsi a mantsi a re fa go padile bogolo ba nwe dilithara tse pedi go ya ko go tse tharo ka letsatsi.

Dr Thupa o rotloeditse morafe ka kakaretso go rata botsogo jwa bone ga mmogo le diphilo tsa bone gore ba kgone go tshela lobaka.

E rile a iteela kobo moroko, Dr Larona Molatlhegi a re banni ba tseye botsogo jwa bone ka tlhwaafalo ka go dira tsotlhe tse ba bongaka ba di gakololang.

A re le ntswa lefatshe le aparetswe ke tlhaelo ya dingaka le bomankge ba ba dirang ka diphilo, bonnye jo bo teng bo dira ka natla go somarela matshelo le go isa ditlamelo kwa Batswaneng.

Dr Molatlhegi a re dipalo tsa balwetsi ba diphilo di fekeetsa dingaka, a tlatsa ka gore mo Botswana, dingaka tsa diphilo di lesome fela, tse tharo di mo pusong fa tse dingwe e le tse di ikemetseng ka nosi.

Dr Molatlhegi o supile fa banni ba Maun ba le lesego ka jaana ngogola ka kgwedi ya Moranang, puso e ne ya bula lekalana la diphilo mo kokelong ya Letsholathebe gore ba bone bongaka gaufi.

A re pele ga go bula ga phaphosi eo, balwetsi ba ne ba tlamelwa kwa Francistown mme gompieno ba tsaya kalafi gaufi. Dr Molatlhegi o supile fa ba setse ba thusitse batho ba le 780, bomme ba le 506 fa borre ba le 274.

A re balwetsi ba diphilo ba le 47 ba emetse go rulaganyediwa malatsi a go tlhatswiwa diphilo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Letsatsi la mafatshe fatshe la diphilo

Date : 17 Mar 2026