Balemi ba gwetlhiwa go tlhagafala
17 Mar 2026
Balemi ba temo ya komelelo ba kgaolo ya Kweneng ba gwetlhilwe go supa lorato, bonatla le tlhokomelo ya maemo a ntlha gore ba kgone go bona thobo e nametsang.
Se se builwe ke moitseanape wa tsa botsogo jwa dijwalo kwa kgaolong ya Kweneng, Rre Thutoetsile Thutoetsile ka letsatsi la go kanoka masimo le go ruta balemi ka tiriso ya menontshane le dichefi kwa masimong a Lekhujwana, a motse wa Boatlaname.
Balemi ba ne ba rutwa ka mefuta ya mehero le diji tse di nang le seabe mo go kgoreletseng balemi go bona thobo e kgotsofatsang. “Fa o ka tlogela mohero o diga peo o a bo o dirile mathata. Se se tona ke go lwantsha mohero pele o nna le peo gore o kgone go fokotsa kana go nyeletse mo tshimong,” ga tlhalosa Rre Thutoetsile.
A re mehero e e tlwaesegileng ebile e nna le seba mo go fokotseng thobo ke mmabasete (hessian grass), tlolela, mohero o sethunya se setlha (American sunflower), setlhabakolobe le mokhure.
E rile a itebaganya ke kgang ya go lwantsha diji, Rre Thutoetsile o rotloeditse balemi go lema dijwalo tse di farologanyeng paka nngwe le nngwe go thusa go koba diji tse di nnang mo mmung.
A re go fetola sejwalo, go kopa diji ka go lemoga fa gole lemilwe sejwalo se di sa se itseng. A re go dira jalo go tsietsa diji segolo jang tsa losika loo seboko mo di felelang di sule le mae a tsone.
O gateletse gapegore mokgwa wa go lema o kabakanya dijwalo o thusa gape go nyeletsa kgotsa go fokotsa malwetsi a dijwalo a iphitlhang mo mmung. Rre Thutoetsile o tlhalositse gape fa gole mosola go lemolola ka go thusa go nyeletsa diji le malwetse a ka tswang a saletseng mo letlhakeng, dithito le medi ya dijwalo. O rotloeditse balemi go tsibogela tiriso ya menontshane, le gone ba e tsenya mo mmung ka nako e maleba.
Le fa balemi ba rotloediwa go dirisa dichefi lwantsha mawetse le mehero ka maikaelelo a go tokafatsa temo, Rre Thutoetsile a re balemi ba inaakanye thata le tse di nang le metswako ya tlholego tse di ka se keng tsa bolaya ditshidinyana tsa botlhokwa mo go ungweng ga dijwalo jaaka dinotshi.
“Ke gakolola balemi gape go nna kelotlhoko ka go tlhokomela thata selekanyo le nako e ba tshwanetseng ba gasa dichefi le nako ya thobo go tlhomamisa gore dijwalo di siametse go jewa. “Fa seemo se, se ka tsewa lolea se ka baka malwetsi kgotsa dintsho mo go sepe se se jang dijwalo tse di tshotsweng dichefi,” ga tlhalosa Rre Thutietsile.
Balemi ba ne ba rutiwa gape ka kapari e e babalesegileng fa ba gasa dikhefi gore di seka tsa amana le mebele kgotsa diaparo tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Mogolwane wa ofisi ya balemisi mo Kweneng, Rre Onne Manamisi o gakolotse balemi go ikgapha mo mekgweng e ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.
Rre Manamisi a re go na le balemi bangwe ba go belaelwang e re ba sena go abelwa peo e tshetsweng dichefi go e babalela mo dijing le malwetse, ba nne pelotshetlha ka go tlhalosiwa fa ba e tlhatswa ba re ba ntsha dichefi, maikaelelo e le go e ja.
O kgadile a sa kgwe mathe ba ba dirang jalo ka gore ke seemo se se ka amang botsogo le gone go baka dintsho. Moitseanape wa tiriso ya lefatshe la temo, Rre Gopolang Segolame a re go botlhokwa gore balemi ba ithute mekgwa ya go lema masimo a mo mafelong a nang le mokgokolosa.
Rre Segolame a re go botlhokwa go lema o kgabaganya mokgokolosa gore dijwalo le menontshane di se gogolwe ke metsi ka nako ya dipula. A re se gape se thibela go kgothega ga masimo a goremetsi a pula a elang le mokgokolosa a ka gogola mmu o fa godimo o nonneng, mme seo se ame dijwalo le thobo ka kakaretso.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boatlaname-Loologane, Rre Ntlhogo Ntsimane o kopile balemi go tsaya temo ka tlhoafalo ka ke yone konokono ya go tsosolosa itsholelo le go direla lefatshe dijo tse di lekanyeng. Rre Ntsimane a re o makadiwa ke gore le mororo bontsi jwa balemi ba ne ba galala gore puso e thusa molemi ka ditsompelo go lema tema e le nngwe, se se gakgamatsang ke gore go lemilwe ka boutsana. Ka jalo a re ba ba senang maikaelelo a go lema ba adime ba bangwe masimo gore ba kgone go dirisa lenaneo la puso go ntsha dijo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Boatlaname
Event : Letsatsi la kanoko masimo
Date : 17 Mar 2026




