Mosadi Thari Ya Setshaba
17 Mar 2026
Mosadi o kailwe e le tsala, ka jalo lelwapa le le senang mosadi, rre o gama a ikotelela. Seo se tlhalositswe ke Mme Theo Olopeng a ntsha molaetsa ka letsatsi la bomme kwa Gulubane bosheng.
Mme Olopeng a re mme ke motho yo o itlotlang go simolola mo lelwapeng la gagwe, a le boikobo le go tsamaisa dilo ka tlhamalalo. A re mme o godisa bana ka botlalo a ba ruta tlhokomelo ya lelwapa le tlotlo.
“A re ruteng ba ba tswang kwa tlase gore ba nonofe mo tumelong le mo go tsotlhe tse ba di dirang ka gore Modimo o ba segofaditse gore ba kgone go itirela,” ga tlhalosa Mme Olopeng.
O kgotlhaditse bomme go dira mmogo, ba abelana dikgakololo. O tsweletse a re mme o tshwanetse go nna motho wa pelo e e phuthologileng gore a kgone go gola mo botshelong a sena lefufa.
Mme Olopeng a re kabelano dikitso ke konokono ka e ka godisa serodumo sa bomme le seemo sa bone sa itsholelo. A re mosadi o tshwanetse go ikoketsa dikitso ka go bala, go dirisa maranyane le tse dingwe tse di ka mo thusang go lepalepana le diphetogo.
Mme Olopeng o gateletse botlhokwa jwa gore bomme ba ipope, ba nne setlhopha mme ba etele metse mengwe go ithuta mo go bomme ba ba tsweletseng ka mananeo a farologanyeng go ya go tsaya malebela a ka thusang go tlhabolola matshelo a bone le go nna dikgantshwane tsa metse ya bone.
Mme Olopeng o rotloeditse bomme go simolola tsa temo ka tshingwana ya merogo e potlana ko morago ga matlo.
Mosimolodi wa Mosadi Letlotlo, Mme Nanzy Chaitezvi a re letsatsi le, le supa maatla le nonofo ya motho wa mme go dikologa lefatshe ka bophara.
A re setlhogo se se reng :Neela go re o boelwe, se supa boammaruri ja gore fa o beeletsa mo go mme le ngwana wa mosetsana, o bona dipoelo ka mme e le thari ya setshaba.
A re le ntswa bomme ba lebaganwe ke dikgwetlho ba tsweletse ka go supa bokgoni ka go tlhama, go godisa, go etelela pele le go aga, ka jalo fa ngwana wa mosetsana a fiwa sebaka sa go ithuta go abo go agiwa mmusi wa kamoso.
Mme Chaitezvi o kgotlhaditse bomme go itlhamela ditiro mme ba se ka ba baya mo pusong, ka seemo sa itsholelo se sa letle.
Mogolwane kwa ofising ya bong, Mme Olebogeng Morebodi a re dikgwetlho tse bomme ba kopanang le tsone ke go tlhaela kemedi mo go tsa sepolotiki le maemo a boeteledipele.
O tlhalositse fa bomme ba sa eme ba bangwe nokeng ka e le bone ba tlhophang borre kgatlhanong le bomme ba sa lebelele bokgoni ja bone.
“Go botlhokwa gore bomme ba nne le kemedi gongwe le gongwe gore ba kgone go isa matshwenyego a bone kwa diofising tse di lebaganyeng gore ba kgone go bona dikarabo tse di maleba ka nako,” a tlhalosa jalo.
Maikaelelo a mangwe a letsatsi e ne e le ke go rotloetsa borre le basetsana go tsaya karolo mo go tsa tekatekanyo ya bong le go thibela kgokgontsho ya bong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Gulubane
Event : Letsatsi la bomme
Date : 17 Mar 2026




