Breaking News

Ba lenaneo la Bonno ba tsweletse ka go ruta Batswana

24 Aug 2025

Banni ba Letlhakeng, ba rotloeditswe go dirisa mananeo a puso go ikagela le go tokafatsa bonno jwa bone.

Mogolwane wa ofisi ya lenaneo la Self Help Housing Agency (SHHA), Rre Goweditswe Moabi o tlhaloseditse banni ba Letlhakeng jalo o a tlhalosetsa banni ba motse wa Letlhakeng ka lenaneo la puso le le thusang go agela batho matlo la Bonno.

Rre Moabi a re ka lenaneo la SHHA, moikipedi o ka agelwa ntlo ya madi a P146 000, mme a lopiwe go duela bontlha bongwe jwa madi ao, e leng P90 000. A re moikopedi o tlaa duela madi ao ka go ntsha bonyenyane jwa P375 ka kgwedi, mo dingwageng tse di masome mabedi.

Rre Moabi a re moikopedi  o tlhoka setlankana sa jarata, lekwalo le le supang gore oa bereka, mme fa motho a ipereka o ka tlatsa  fomo kwa ofising ya SHHA e e gaufi, a bo a ya go ikana kwa mapodiseng.

O tlhalositse gape gore fa motsadi a sa bereke mme a na le ngwana yo a berekang, o ka ikwadisa gore a kgone go mo duelela.

 O ne a tlhalosa gape gore fa motho a tsere lenaneo leo a bo a tlhokafala a ise a fetse go le duela, ba ba setseng ba sala ba tsweledisa go duela.

Rre Moabi o ne a tlhalosa gape fa go na le lenaneo la go tokafatsa bonno kana go feleletsa ntlo, mme lone le dirwa ka madi a P60 000.  A re moikopedi a duela P250 ka kgwedi, mo sebakeng sa dingwaga tse di masome mabedi. O tlhalositse fa mo lenaneong le moikopedi a kopiwa go tla ka moalo wa ntlo ya gagwe kwa khanseleng.

Mo go tse dingwe, Rre Moabi o tlhalositse gore lenaneo la Bonno le thusa ka go aga ntlo ya dikamore tsa boroko tse pedi, mme e lopa madi a P315 000,  moikopedi a duela madi a P1 364.17 ka kgwedi mo ngwageng  tse di masome mabedi.

Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng, Rre Gordon Mokgwathi o kopile banni ba Letlhakeng go tsaya karolo mo mererong ya motse wa bone, a supa fa go sena ope yo o ka tswang gosele go tla go ba tlhabololela motse.

O ba kopile go tlhoafalela thuto ka jaana sengwe le sengwe se dirwa ka maranyane, a bo a supa fa ba tla siiwa ke dikgaolo tse dingwe ka gore ba saletse morago ka thuto.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Aug 2025