Breaking News

Ba rotloediwa go dira dikoporase

21 Mar 2024

 Go simolodisitswe thobo ya ntlha ya dinamune kwa tshimong e tona go di feta tsotlhe mo lefatsheng leno le mo kgaolong ya borwa ja Aferika. 

Se, se gwetlha Batswana go oketsa boleng ja namune go dira dithoto tse di farologaneng go godisa itsholelo ya Selebi Phikwe. 

Mme ka kgwebo ele selo se se tlang ka dikgwetlho, puso e rotloetsa go re Batswana ba ipope ditlhopha go dira dikoporase go re ba kgone go thusana ka megopolo ga mmogo le go tlhofofatsa go bona letseno le le botoka go simolodisa dikgwebo. 

Nngwe ya tse puso e rotloetsang Batswana go tsenya letsogo mo go tsone ke go dira dikgwebo tse di tlaa thusang go dira dithoto kana ditirelo tse di tlhokiwang ke khamphani ya dinamune ya Selebi Phikwe Citrus ga mmogo le dikgwebo tse di tlaa itebaganyang le go oketsa boleng jwa dinamune jaaka dikgwebo tsa dinotsididi. 

Ba Lephata la Dikgwebo ba tlhalositse fa ba eme malala a laotswe go thusa Batswana ba ba itomileng melomo ya tlase go simolodisa dikoporase go re le bone ba obe letsogo mo tshimong e ya dinamune e e tlaa isang maungo ka bokete kwa mebarakeng e e kwa mafatsheng a mangwe. 

Mme Nomakhosi Mookodi wa Lephata la Bagwebi o tlhalositse fa dingwe tsa dikgwebo tse Batswana ba ka tsenang mo go tsone ele ya go dira menontshane ga mmogo le melemo e bolayang diji, a tlhalosa fa beng ba Selebi-Phikwe Citrus ba dirisitse menontshane  e e lopileng  P11m ga mmogo le P16m go reka melemo. 

A re bontsi jwa menontshane e, e ne e tswa kwa Aferika borwa, ka jalo go itsa go re bokete ba dithoto bo rekiwe kwa ntle, go botlhokwa go re Batswana ba dire dikgwebo tsa mofuta o. 

Mme Mookodi o ne a bua se ka ditshupo tsa #PUSHAbw tse di neng di tshwerwe kwa Selebi Phikwe ka Laboraro. 

A re Batswana ba tswa kgakala ba gweba ka dithoto tse di farologaneng mme ba sa bone dipoelo tse di kwa godimo ka go tlhoka go oketsa boleng ba dithoto tse go re ba dire madirelo a mangwe ka dithoto tse le go fetlha mebereko. 

A re ke sone se puso e tlhamileng Lephata la tsa Kgwebo go itebaganya le kgwetlho e go re Batswana le bone ba oketse boleng jwa dithoto tsa bone go re di thuse go dira ditirelo le dithoto tse dingwe. 

Mme Mookodi a re lephata la gagwe le itebagantse gape le go fetola maikutlo, dikakanyo le boitsholo ja bagwebi go ba thusa go re le bone ba kgone ba phadisanye le mafatshe a mangwe le go tlhamela Batswana ba bangwe ditiro.

Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go rotloetsa Batswana go dira  dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo. 

Ke sone se mogolwane wa lephatsa le le itebagantseng le boleng ba dithoto la Botswana Bureau of Standards, Rre Peter Mpete a rotloetsang gore bagwebi ba inaakanye le lephata la bone go ba thusa go re ba kale seelo sa dithoto tsa bone. 

A re lephata la gagwe le dirile dielo tsa dithoto ka go farologana mme go botlhokwa go isa dithoto kwa go bone go bona go re a di mo seelong se se batliwang. 

A re se se ka thusa go re dithoto di rekiwe mo lefatsheng leno le kwa ntle, a tlatsa ka go re go tlhoka go dira jalo go busetsa maiteko a Batswana kwa morago. Bokhutlo

Source : bopa

Author : Kgotsofalag Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : potsolotso

Date : 21 Mar 2024