Makwinja o kgothatsa bomme
19 Mar 2024
Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Mme Nnaniki Makwinja o gwetlhile bomme go inaakanya le polotiki ka kemedi ya bone kwa Palamenteng e sa jese diwelang.
O buile se ka Matlhatso mo Hukuntsi jaaka komiti ya bomme ba mapalamente e ne e tshwere merapelo kgatlhanong le dihawa tse di apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.
Mme Makwinja a re dihawa tseo, di tshwana le kgokgontsho, tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi ga mmogo le malwetse a a sa tshelanweng, di tshwanetse go tshwaraganelwa go fedisiwa.
O buile ka kemedi ya bomme ee boutsana kwa Palamenteng, a supa fa go na le bomme ba le supa fa go tshwantshanngwa le borre ba palo ya masome a matlhano le botlhano.
O ne a tlhalosa fa kemedi eo, e sa lekana ka jaana go buisana le go tsaya ditshwetso ka melao go tlhoka dipalo go thusa go re dikgang tse di amang bomme di seka tsa tlodisiwa matlho.
Mme Makwinja o ne a supa fa go se bonolo mo go bomme go phunyeletsa mo mererong ya sepolotiki ka ba lebanwe ke letlhoko la madi, mme a ba gwetlha go sa ipone tsapa, go tswelela ka go iteisana borathana le borre kwa ntle ga poifo epe.
O ne a tlatsa ka go rotloetsa bomme go emana nokeng ka dinako tsotlhe go kgona go godisa kemedi ya bone ka dipalo tse di nametsang.
Le fa go le jalo, o ne a tlhalosa fa puso e otlolotse letsogo ka go ntsha mananeo go thusa bomme go intsha mo lehumeng.
A re puso e rebotse madi aa ka tshwarang P59 million go tsosolosa le go godisa dikgwebo tsa bo mme, ka jalo, a ba gwetlha go seka ba salalela kwa morago mo go akoleng dithuso tseo tsa madi ka nako ya fa a rebolwa.
A re fa ba ka dirisa mananeo a tshwana le a Gender Affairs, Temo Letlotlo le a mangwe, go ka thusa go tsosolosa itsholelo ya malwapa ga mmogo le ya lefatshe ka kakaretso mme seo, se ba thuse go nna le sebaka sa go tsenelela dipolotiki.
Mo dikgannyeng tse dingwe o ne a gwetlha setshaba go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong le tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibbatsi.
A re tshwaragano ya setshaba e ka thusa go aga malwapa a a nonofileng mme dikgwetlho tseo, di kgonwe go nyelediwa mo setshabeng.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Keolopile Leipego, o ne a rotloetsa bomme go re ba seka ba inyatsa mo go tseneleleng merero ya sepolotiki a re ba na le bokgoni fela jaaka borre.
Ka jalo, o ne a iteela komiti ya bomme ba mapalamente legofi go bo e bone go le maleba go emela ditshwanelo tsa bomme ka dinao.
A re fa bomme ba ka nna seopo sengwe, seabe sa bone sa bonala mo dipolotiking, seo se ka thusa puso go fitlhelela dikeletso tsa Tebelo Pele ya Setshaba ya 2036 e itebagantseng le dikgang tsa tekatekanyo ya bong.
Mo mafokong a thero, Moruti Peggy Batswana, o ne a supa fa bomme ba lebanwe ke dikgwetlho, mme a ba rotloetsa go ikaega ka lefoko la Modimo.
Moruti Batswana o ne a gwetlha setshaba go rudisa mowa wa kagisano le tomagano tse a reng di ka thusa setshaba go leba dilo ka leitlho le le tshwanang.
Fa a leboga, Mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, o ne a lebogela seabe sa komiti ya bomme ba mapalamente go isa ditirelo mo kgaolong ya Kgalagadi ka jaana, e le nngwe ya dikgaolo tse di amilweng ke lehuma lefatshe ka bophara.
Ka jalo, o ne a gwetlha bomme go tsaya dithuto tsa itshetso ka manontlhotlho go re ka tsone ba kgone go bona thobo e itumedisang go tsosolosa itsholelo ya malwapa le ya kgaolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : komiti ya bomme ba mapalamente
Date : 19 Mar 2024