Breaking News

Peeletso mo go bomme e botlhokwa

10 Mar 2024

Go beeletsa mo go bomme ke go ba thusa go lemoga le go dirisa bokgoni jwa bone ka botlalo go tlhabolola matshelo a bone.

Se se builwe ke mogolwane wa lekalana la Local Enterprise Authority (LEA), Mme Nomsa Majama yo e neng ele sebui sa tlotla ka Letsatsi la boditshatshaba la go ipelela bomme bosheng kwa Ramotswa.

Mme Majama o supile fa go beeletsa mo go bomme go sa felele fela ka go thusa go rarabolola mathata le go sa lekalekane ga bone.

Mme Majama a re maikaelelo magolo a letsatsi le, ene ele go lemotsha botlhe mosola wa go beeletsa mo go bomme le go tla ka  dikgato tse ba ka di tsayang go gatela pele mo go bopeng itsholelo e nonofileng.

A re jaaka setlhogo sa letsatsi Invest in Women, Accelerate Progress se bua,  go beeletsa mo go bomme ke go ba tlamela ka kitso le didirisiwa go netefatsa kgolo ya bone. 

Mme Majama a re gape ke go ba rotloetsa go itlhamela ditiro le gone go amogela gore bomme bana le seabe mo go nonotsheng itsholelo.

“Bagaetsho, fa re beeletsa mo go bomme, re fefosa kgatelopele e bile re dira isago e mo go yone mme mongwe le mongwe le mosetsana mongwe le mongwe a ka atlegang le go fitlhelela bokgoni jwa gagwe ka botlalo, a kgona le go tlhotlheletsa dikokomana tse di tlang kwa morago”, Mme Majama a gatelela.

Fa a ama kgang tsa bong, mme Majama a re dipatlisiso di supa fa ditshaba tse di fang bomme tshono ya go etelela le go tsaya karalo mo ditshwetsong tse di amang lefatshe di gatetse pele e bile di kgona go emelana le dikgwetlho tse di tlhagogang mo go tsa itsholelo.

Ka jalo, a re go matshwanedi go gatelela mananeo a a dirilweng ele maiteko a go atlega mo tekatekanyong ya bong.

O rotloeditse bomme go dirisa mananeo otlhe a puso a a tlhamilweng go tokafatsa matshelo a batho le gone go netefatsa gore mang le mang o tsaa karolo mo go ageng itsholelo ya lefatshe leno.

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Ramotswa, Mme Maria Motshwaedi o supile fa go beeletsa mo mongweng ka wena ele go fefosa katlego mo botshelong ka go tlisa yone metswedi e ka amusang kokomane ya kamoso .

A re go beeletsa gotla ka mefuta go tlhoka fela yone phetolo ya dikakanyo. 

“Go ithuta kana go tsaya malebela mo go yo mongwe gore o kgonne jang go fitlhelela katlego e rileng ga se go ikala kana go itseela ko tlase”.

Mme Motshwaedi o akgotse borre go nna le seabe ka go netefatsa katlego le kgolo ya bomme mo botshelong. 

Moletlo oo, o ne o rulagantswe ke ba Ofisi ya Bong mo kgaolong eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : Ramotswa

Event : Tsatsi la bomme

Date : 10 Mar 2024