Bomme ba kgothadiwa go ipha lorato
10 Mar 2024
Go ipha lerato, ke selo se se botlhokwa mo botsogong jwa tlhaloganyo.
Se se builwe ke mogolwane wa lekalana la Home Economics mo lephateng la Boipelego kwa Khanseleng ya Okavango Mme Favourite Phumusa fa a buisa bomme ba Kereke ya Assemblies of God kwa Gumare ka letsatsi la mafatshefatshe la bomme.
Mme Phumusa o supile fa go le botlhokwa gore bomme ba itshekatsheka kgapetsakgapetsa ka seo se ka ba thusa go lemoga fa ba tlhaelang teng.
“Go botlhokwa go ela tlhoko mmele wa goga mo senameng le mo semoweng’” Mme Phumusa a tlhalosa
Mme Phumusa o ne a re di tsela di dintsi tse motho wa mme a ka femang phefo ka teng, jaaka go itlhabisa phefo a le nosi a sena le ba lelwapa le gone go iteboga ka dimpho.
A re mme o tshwere tiro e tona mo setshabeng ya go aga le go godisa bana ka jalo o tshwanetse gore a bo a siame mo moweng gore a godise bana ba ba agegileng sentle mo moweng.
O supile fa basha ba lebagane le dikgwetho tse dintsi mme a re ke tiro ya bomme gore ba ba thuse go fenya dikgwetho tseo.
Mme Phumusa o ne a re lefatshe la Botswana le gatetse pele mo go tsa merero ya bomme le go akaretsa bomme jaaka setlhogo sa letsatsi leo sa mafatshefatshe se bua ka go akaretsa le tswelelopele.
O ne a re lefatshe la Botswana le seegetse seelo sengwe mo makgolong e le tsela ya go rotloetsa bomme go tsena mo dikgwebong e bile le go rotloetsa bomme go nna le maemo a a farologaneng mo setshabeng.
Ka jalo o ne a re bomme ba tshwanetse go nna le keletso ya go dira dikgwebo ebile a re jaaka bomme ba kereke ba rapelele dikakanyo le dikgwebo tsa bone.
Mo lefokong la kgothatso, leloko la kereke eo, Mme Lesego Leshiba o ne a re mosadi wa kereke o tshwanetse a ikaega ka lefoko la Modimo ka nako tsotlhe.
Mme Leshiba ka jalo o ne a re bomme botlhe go sa kgathelesege maemo a ba a tshwereng ba tshwanetse go nna le botsalano le Modimo.
O ne a re botsalano le Modimo bo thusa bomme tiro ya bone e tona ya go aga lelwapa, go godisa le go kaela bana tsela e e siameng.
Mme Leshiba o ne a kgothatsa bomme go nna sekao mo kerekeng le mo setshabeng a re ba na le maatla a go baakanya kana go thuba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Tsatsi la bomme
Date : 10 Mar 2024