Breaking News

Autlwetse o kopa magosi go sireletsa bogosi

10 Mar 2024

Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Kgotla Autlwetse o kopile magosi go sireletsa le go dibela bogosi.

Fa a bula semmuso thuto dipuisano tsa bogosi tse di neng di tshwaretswe kwa Big valley, gaufi le toropo ya Lobatse bosheng, Rre Autlwetse o supile fa a sa bone boroko ke dintwa tse di runyang fa Kgosi e tshwanetse go bewa, a supa fa di senya leina la bogosi.

Tona o ne a kopa magosi gore nako e tsile ya go simolola go dibela bogosi ka jaana go tlhoka go dira jalo go leswafatsa le go nyenyafatsa seriti sa bogosi.

A re  ka jaana ele bone ba itseng morafe wa bone, ba emise gore fa kgosi e tshwanetse go bewa, ga bo go diriwa ditlhopho.

Selo se, go ya ka Tona Autlwetse se dira gore jaanong bogosi bo felele bo nna le sepolotiki se sentsi, a tlatsa ka gore fa kgang e setse ele kwa makgotleng a ditsheko, mongwe le mongwe ona le sebaka sa go ka e fenya le ntswa bogosi bo sa mo lebana.

O tlhalositse gore dikgang tseo ka nako tse dintsi di dirwa ke bohatlha le go tlhoka ditlhong ga batho bangwe.

Tona Autlwetse a re kgang eo e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka jaana ena le bokgoni jwa go thuba morafe.

“Ke le kopa gore le simolole go kgalemelana le gore lo iphaphe mo dikgannyeng tsa borukutlhi, ka gore le tshwanetse go nna sekao mo setshabeng”.

Tona o tlhalositse gore molao kakanyetso wa go tlhabolola ditsamaiso tsa bogosi ga o ise o dirwe mme ebile o tlaa dirwa fela fa dikgosi di sena go nna le seabe mogo one.

Magosi a a neng a tsene phuthego eo a tlhalositse fa a itumelela gore puso e lemoga botlhokwa jwa bogosi le gone gore bo sirelediwe.

Bare seo, seka dira gore bogosi bo tlotlwe ka jaana ele bone ba tlisang thitibalo mo morafeng.

Kgosi wa Shakawe Kgosi Mutemo Mbambo a re o dumalana le tona gore go biletsa dikgang tsa bogosi ditlhopho ga go ka fa tsamaisong, mme a re fa phoso e diragetse e tshwanetse ya baakanngwa go na le go ya kwa dikgotleng tsa ditsheko.

Kgosi Martha Lebang wa Palapye o kopile magosi a mangwe go itlwaetsa go buwa nnete segolo jang fa gona le ketsaetsego ya dikgang tsa gore bogosi bo tsamaya jang.

Modulasetilo wa ntlo ya dikgosi Kgosi Puso Gaborone o akgoletse Tona Autlwetse gobo a bone gole botlhokwa gore a kopane le bone, go ba fa sebaka sa go buisana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Lobatse

Event : Dipuisanyo

Date : 10 Mar 2024