Breaking News

Ofisi ya mapodisi e butswe kwa Mapoka

08 Mar 2024

Go bulwa ga ofisi e potlana ya mapodisi kwa Mapoka ke phitlhelelo e tona thata mo maikaelelong a puso a go babalela setshaba sa Botswana.

Se se tsamaelana le letshego la Tebelopele ya Setshaba (Vision 2036) le le itebagantseng le Tsamaiso, Kagiso le Itshireletso le le buang ka tshaba e e nnang ka thitibalo le mowa o o edileng go sena borukutlhi.

Tona ya Itshireletso, Rre Kagiso Mmusi o buile se fa a ne a bula ofisi e potlana ya sepodisi kwa Mapoka ka Labone.

“Ke ka moo puso e bonyeng go se thona go tswelela e nonotsha sepodisi sa Botswana ka go se abela meamuso go re se tswelele mo maitekong a sone a go lere pabalesego le thitibalo mo setshabeng,” ga rialo Rre Mmusi.

O ne a tlhalosa fa go nonotsha tshireletso ya setshaba go le botlhokwa thata gareng ga tse dingwe mo maikaelelong a go fetola itsholelo ya lefatshe leno go tswa mo go e e fa gare go ya kwa go e e kwa godimo. Rre Mmusi a re se, se ka kgonega fela fa pabalesego ya setshaba e le kwa godimo, ka e na le seabe se segolo mo go ngokeng babeeletsi ba mafatshe a sele.

A re go tsisa ditlamelo gaufi le batho ke maikaelelo a puso e tswang le one kgakala, se se supiwang ke go agiwa ga diofisi lefatshe ka bophara.

A re mo ngwageng wa madi wa 2024/25 go tlaa tllhabololwa diofisi tsa Sebina, Makaleng le Matsiloje go tswa mo go tse di potlana go nna tse dikgolwane.

O supile fa ba tsweletse ka lenaneo la go simolodisa kago ya diofisi tsa mapodisi di le masome a mabedi le bofera bobedi lefatshe ka bophara, di na le matlo a boroko, dikoloi, di drones le mapodisi a a lwantshang bogodu ja leruo le tse dingwe.

“Re solofela go bona maduo a a akaretsang go fokotsega ga borukutlhi, tokafalo mo dinakong tsa go tsibogela dikgang tsa borukutlhi le tomagano e e nonofileng fa gare ga mapodisi le setshaba mo go lwantsheng borukhutlhi,” go tlhalosa Rre Mmusi.

O ne a rotloetsa banni ba Mapoka le metse e e mabapi go dirisa ofisi a go bega tlolo-molao nngwe le nngwe e e diragalang mo kgaolong le mo tikologong ya bone.

Tona o ne a kopa ba mapodisi go hehogela dipego tse di tlaa tlang kwa go bone, a tlhalosa ha se se ka neela batho tshepho mo go bone.

Mo go tse dingwe, Rre Mmusi o ne a supa fa diofisi potlana di le masome a mararo le boraro di simolotse go agiwa ka 2015 di sena matlo a boroko ka jalo a kopa banana, batsadi le bagwebi go tsena mo kgwebong ya go aga matlo ba bo baa hirisetsa goromente.

A re se, se ka thusa gape gore mapodisi a okediwe mo motseng oo, go lebeletswe gore ngwaga o o fetileng go alositswe mapodise a le sekete fa monongwaga go ya go alosiwa sekete gape.

Mo boemong ja Kgosi ya motse ya Mapoka, Kgosi Robert Budani wa Kgotla ya Mabunda o ne a tlhalosa fa morago ga go bopa komiti ya tlwantsho borukhutlhi e e bidiwang NGANTHU (molelwane) seemo sa borukutlhi se ne sa wela tlase.

Kgosi Budani o ne a re ba dira melato ba ne ba utswa dithoto mo malapeng bosigo le motshegare, ba betsa batho le go dira maitshwaro a a makgasa. O ne a kopa gore fa madi a ka bonala, go agelwe mapodisi a motse matlo a boroko le go ba rekela koloi e ba tlaa e dirisang go thibela le go lwantsha borukutlhi.

Mothusa Ramapodisi Rre Solomon Mantswe o tlhalositse fa kago e e simolotswe ka Mopitlo 2021 mme rakonteraka a tlhaelela mo tseleng, yare ka kgwedi ya Lwetse ba simolola le rakonteraka yo mongwe ka madi a P982 725.72 yo o neng a fetsa ka nako le madi a a dumelanweng.

Fa a leboga, Mopalamente wa kgaolo Rre Simon Moabi o lebogetse ba sepodisi go bo ba kgonne go lwantsha magodu a mechine ya madi (ATM) le dikoloi tse di rwalang madi ga mmogo le magodu a a tlolang molelwane wa lefatshe. Mopalamente o ne a rotloetsa morafe go aga matlo go a hirisetsa goromente go dira dipoelo go itshetsa le ba malwapa a bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Mapoka

Event : Pulo semmuso

Date : 08 Mar 2024