Breaking News

Bomme ba itshetsa ka dinkgwana

07 Mar 2024

Bomme ba Draaihoek mo kgaolong ya Tsabong, ba tshwere ka natla go bopa dinkgwana ka maikaelelo a go ikinola mo letlhokong la ditiro mo motseng wa bone. 

Fa a bua mo potsolotsong ka Laboraro, moeteledipele wa setlhopha sa bomme sa Chelwa (thotse ya lerotse e e anamang), Mme Kebogile Makolobe a re ba bopa dinkgwana gore molelo o tuke mo malwapeng a bone. 

E re ka ‘mosadi tshwene o jewa mabogo’ Mme Makolobe a re e le bomme ba motse wa Draaihoek, ba itlhophetse go somarela ngwao ya go bopa dinkgwana tsa boleng jo bo kwa godimo ka di ba tsisetsa letseno le le botoka segolobogolo ka nako ya fa ba tseneletse dikgaisanyo tsa lefatshe tsa botaki le ngwao. 

Mme Makolobe a re bomme ba mokgatlho oo ba masome a mabedi mme ba ikaegile ka Khansele ya Tsabong le Lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao ba ba tsweletseng ka go ba rotloetsa. 

A re Khansele e sale e ba eme nokeng go simolola ka 2012 fa mokgatlho o simolola, e  ba tsisetsa barutuntshi go tswa kwa dikgaolong tse dingwe. Moeteledipele wa bomme bao a re ba simolotse go bopa ba dirisa mmu go tswa Lotlhakane mme ba Lephata la Boipelego ba tsweletse ka go ba tsisetsa mmu go tswa Moshupa le mafelo a mangwe. 

A re bomme bao ba na le lorato lwa go dira dinkgwana mme e sale jaaka morutuntshi a ba tlhatlhelela, ba ne ba tshwarela ruri ba itse go re go bopa dinkgwana go ka ba tsisetsa letseno. 

A re ba eletsa go godisa kgwebo ya bone mme ba na le kgwetlho ya go tlhoka lefelo la  go apeela dinkgwana, a tlhalosa gore gompieno ba apeela mo lelwapeng la mme mongwe. 

O boletse gore ka ngwaga wa 2022, Khansele e ne ya ba rekela didirisiwa tsotlhe tse ba di tlhokang go bopa jaaka tanka ya metsi, dikiriba, ditena, dimente le tse dingwe go re ba kgone go aga fa ba tlaa apeelang dinkgwana teng mme a supa gore ba santse ba ise ba bone lefelo. 

Ka jalo a kopa go re ba Lekgotla la Kabo Ditsha ba ba abele setsha. E re lentswa go ntse jalo, o ne a supa gore bomme ba tsweletse sentle. 

“O bona fela fa re ka bona setsha lo tlaa a ja monate thata mo Kgalagadi lo bona bontle jo re bo dirang, re tsile go dira diaba, ” a tlhalosa ka monyenyo. 

Mme Makolobe a re nkgwana ke ngwao ya Setswana mme e dirisiwa mo go tse di dintsi tse di farologanyeng jaaka go baya metsi, go nna mabeelo a sengwe, go kgabisa malwapa le go ne go kgabisa. 

E re ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba ba bangwe, ba eletsa go ipona ba tshwana le mokgatlho wa bomme ba Thamaga ba ba dirang bontle thata mme e bile ba gatetse pele ka jaanong ba dirisa maranyane a a faphegileng go bopa dilwana tsa ntlo tse dintle. 

Bomme bao ba tsenelela dikgaisanyo tsa botaki le ngwao ngwaga le ngwaga ba phadisanya le babopi ba dinkgwana ba bangwe go ralala lefatshe leno mme ba nna ba feta ka tse di tsididi. 

Mme Makolobe o ne a leboga puso go dira dikgaisanyo tseo ka bontsi jwa bomme mo motseng wa Draaihoek ba sa bereke mme ba tukisa molelo mo lwapeng ka go bopa dinkgwana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : DRAAIHOEK

Event : Potsolotso

Date : 07 Mar 2024