Dikgomo dingwe di boetse gae
06 Mar 2024
Dikgomo di le pedi mo go tse masome a mararo le bobedi tsa meraka ya Moroka tse di neng di boetse mono Botswana go tswa kwa lefatsheng la Zimbabwe di sutlhile kwa lesakeng le di neng di tlhatlhetswe teng.
Dikgomo tse pedi tse, di ne di tshwanetse go bolawa le go tshubiwa le tse dingwe ka Tshipi.
Mo potsolotsong ka Mosupologo mongwe wa barui Rre Rogers Mbulawa o tlhalositse fa mo go tsa gagwe tse di masome a mabedi le bongwe go boile di le tharo fela.
O tlhalositse go re morago ga go timela ga dikgomo tseo, ba ne ba tsenya ditshwantso tsa motshikinyego tsa tsone mo maranyaneng mme ba sepodise sa Zimbabwe ba lomiwa tsebe ke mongwe ka jalo ba ikopanya le babelaelwa.
O tlhalositse fa borre bangwe ba le bane ba Zimbabwe ba thusa mapodisi a lefatshe leo ka ditlhotlhomiso mabapi le go tshwaya dikgomo tsa ga Rre Mbulawa ka tshipi ya bone.
A re belaelwa ba tlaa tsisiwa mo lefatsheng leno go tlaa go netefatsa le go supa fa dikgomo e le tsa bone. A re dingwe tsa dikgomo di timetse ka ngwaga wa 2022 tse dingwe ka Hirikgong monongwaga, mme e rile di bulelwa di bo di thamalela gae.
“Dikgomo tse, re di tswaletse mo lesakeng gore di seka tsa kopana le tse dingwe e le tsela ya go thibela kanamo ya tlhako le molomo,” ga rialo Rre Mbulawa.
E rile a ba ema ka lefoko la kgothatso, Mopalamente wa Tati West Rre Simon Moabi a tlhalosa fa seemo se se kile sa diragala mme dikgomo tsa bolawa morago ga go tlolela kwa lefatsheng la Zimbabwe.
O tlhalositse botlhokwaa jwa go bolawa go itsa go anamisa tlhako le molomo, selo se se ka amang kgaolo ka bophara go tsena kwa Dukwi le Maitengwe.
A re fa di ka fitlhelwa di na le bolwetse, phimolo dikeledi e ka nna P700, a tlatsa ka gore o tlaa tlhola go re a goromente o ka seke a dirise selekanyo se se dirisitsweng go phimola dikeledi barui ba Zone 6b le go ba neela bontlha bongwe e le dikgomo.
O tlhalositse fa terata ya molelwane e e kganelang dikgomo go tlola e digilwe ke batho ba ba tlolang molelwane e se ka fa molaong, go tlodisa dithoto ka bokukuntswane mme dikgomo tsa mafatshe a a mabapi di tlole terata go tla go nwa metsi mo lefatsheng leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : MOROKA
Event : Potsolotso
Date : 06 Mar 2024