Ba St John FM ba akgoletswe go tshegetsa dithuto
05 Mar 2024
Maloko a kereke ya St John Faith Mission ba lebogetswe go tshegetsa dithuto le go goga ka mowa o le mongwe go tsweledisa motlhala wa mookamedi wa bone Bishopo Dr Kadi Seisa.
Mowa o, o supilwe e le tsela nngwe ya go lemoga le go tlotla bishop yo o sa tlholeng a le mo botshelong, selo se se botlhokwa mo go ageng phuthegong e e tshwaraganyeng.
Mongwe wa bana ba ga mookamedi, Rre Motetepa Seisa o buile se jaaka maloko a kereke ya St John Faith Mission lefatshe ka bophara ba ne ba phuthegetse kwa Tutume go tla go ipelela moletlo wa malebo ka Matlhatso.
O boletse fa mokete oo, e se wa ba lelwapa loo-rra Seisa mme e le wa phuthego le maloko a kereke eo, maikaelelo e le go ngoka dikereke ka go farologana go tla go ipela le bone.
Rre Seisa a re rraagwe e ne e le motho yo o boikobo, a le senatla, a rata batho e bile a boifa Modimo. A re bishop o ne a rata go sokolola batho, e bile a tsaya batho ka go lekalekana.
Rre Seisa a re rraagwe o diretse lefatshe la Botswana ka bokgabane mo ka go lemoga seabe sa gagwe mo matshelong a Batswana, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a neng a mo abela tlotla ya Presidential Certificate of Honour, ngogola le ntswa a seyo mo lefatsheng le le kwa kwano.
Mongwe wa baruti ba kereke eo, Moruti Bayendisi Thabano a re moletlo oo o thailwe ke Bishop Dr Kadi Seisa.
Moruti Thabano a re mookamedi Seisa yo o tlhokafetseng ka 2018 o ne a tlhoma gore beke ya ntlha ya kgwedi ya Mopitlo ngwaga le ngwaga go nne le mokete o ka one ba lebogang phitlhelelo e Modimo a ba fileng.
O boletse fa mookamedi Dr Seisa a ne a simolodisa mokete oo morago ga go ralala dikgwetlho le ditsietsi mo leetong la gagwe la go sokolola le go rera lefoko la Modimo.
A re mokete oo, o o tlwaelesegileng ka go bitswa mokete wa ga bishop e setse e le mokete wa kereke o ba o tsweledisang ngwaga le ngwaga ka nako ya kgwedi ya Mopitlo, maikaelelo e le go gopola mookamedi wa bone le go tsweledisa thuto e a e tlogetseng a e jwadile mo go bone.
A re bishopo ene e le setswerere sa moopelo a tlhamile dipina di le mmalwa ka dipuo ka go farologana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : TUTUME
Event : Phuthego ya kereke
Date : 05 Mar 2024