Breaking News

Mosimane o ikgapetse botshelo kwa Bray

05 Mar 2024

Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosimane wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe wa kgotla ya Kutlwano kwa motseng wa Bray mo kgaolong ya Tsabong a fitlhetswe a akgega mo setlhareng a tlhokafetse.

Go tlhalosiwa fa mosimane yoo, yo o neng a emetse maduo a mophato wa botlhano a ne a fitlhelwa a akgega mo setlhareng mme a bonwe ke mongwe wa lesika yo o neng a begela mapodisi.

Mookamela mapodisi a Werda Superintendent Mompoloki Ramatsia, a tlhalositse fa ba ne ba begelwa tiragalo eo ka Mosupulogo mo mosong.

Superintendent Ramatsia a re mapodisi ba ne ba ragogela kwa tiragalo e diragaletseng teng mme ba fitlhetse moswi a dirisitse mogala wa motlakase go ikgapela botshelo.

Mapodisi ba ne ba ragosetsa mosimane yoo kwa kokelong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa ka go tlhoka lesego a sa tlhole a le mo botshelong.

Mookamela mapodisi a Werda o boletse fa serepa sa moswi se santse se le kwa setsidifatsing kwa sepateleng sa Tsabong fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

A re ba fitlhetse mokwalo wa moswi o o reng, “ditsala tsame mo ke go dirileng ga se gone, le seka lwa go dira mme ke ne ke patelesega go go dira,” a tlhalosa.

O ne a tswelela ka go tlhalosa gore go supega fa go ne go kile ga nna le tlhoka kutlwisisanyo mo lelwapeng leo fa gare ga moswi le mongwe mo lelwapeng.

A supa jalo gore tiragalo eo e garotse ba le bantsi dipelo mo motseng oo mme ebile ke tiragalo ya ntlha ya mofuta o e dirwa ke ngwana wa sekolo mo kgaolong ya gagwe.

O gakolotse setshaba go kopa dithuso kana dikgakololo mo go ba ba maleba ba akaretsa mapodisi, bommaboipelego, dikgosi, ditsala le batsadi go ikgapa mo ditiragalong tsa mofuta o ka ga di tsise tharabololo mme di felela di tlogelela ba ba setseng kutlobotlhoko le bohutsana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 05 Mar 2024