Breaking News

Khansele e aba ditanka tsa matlakala

04 Mar 2024

Khansele ya Mogoditshane/Thamaga e tshwaragane le khamphani ya Debswana kwa Jwaneng e abetse motse wa Thamaga ditanka tsa matlakala di le sekete.

Fa a rola dimpho tseo kwa Thamaga bosheng, moemedi wa Debswana Mme Ellen Molefe o tlhalositse fa mo ditirelong tsa bone, ba lebelela ka fa tikologo e amegang ka teng.

A re maiteko a go abela khansele ya Mogoditshane/Thamaga ditanka tsa matlakala a rotloediwa ke seabe sa bone sa go babalela tikologo, a supa fa ditanka tseo, ele tse di neng di na le ole e e dirisiwang mo metshineng ya moepo.

A re tiriso ya tsone gape ke bontlha bongwe jwa go babalela tikologo, e bile ba dira maiteko otlhe a go rotloetsa pabalesego ya tikologo le botsogo jwa setshaba segolo jang ba lebile diphetogo tsa lowapi tse di sa tlwaelesegang.

Mopalamente wa Thamaga/Kumakwane Rre Palelo Motaosane o lebogetse khansele kgato ya go dirisana le khamphani ya Debswana.

A re malwetse ka bontsi a bakwa ke tikologo e e leswe.

Le fa go ntse jalo o kopile khansele go dira ka gotlhe go netefatsa go re ditanka tse di abiwa ka nako le go re matlakala a tsewa ka nako mo malwapeng.

Motshwarelela mokwaledi wa khansele Rre Happy Mokete o tlhalositse fa tirisano ya bone le Debswana e gwetlhilwe ke maikaelelo a go latlha matlakala mo go babalesegileng.

A re khansele e ne ya reka ditanka di sekae tsa matlakala mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi ba kopa ba Debswana kwa Jwaneng go ba fa tse di dirisitsweng go somarela matlakala.

Fa a amogela dimpho tseo, Kgosi Segale Gobuamang o ne a leboga khansele go tsibogela seemo sa matlakala mo motseng se a reng gantsi se bakwa ke batho ba ba tlang ba rwele matlakala mme ba a latlhele mo melapong.

Le fa go ntse jalo a re nako e tsile ya go re batho ba seka ba leba matlakala jaaka leswe mme ba itse go re ba ka kgona go itshetsa ka one.

A re mo nakong ya gompieno batho ba dira dilo tse di ntle ka matlakala.  A re fa megopolo ya go dira di dirisiwa ka matlaka e ka atliwa ke botlhe e ka tshetsa ba le bantsi. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Thamaga

Event : event

Date : 04 Mar 2024