Breaking News

Rutang bana ngwao- Kgosi Lotlaamoreng II

04 Mar 2024

Morafe wa Barolong o rotloeditswe go tsosolosa serodumo sa ngwao ya bone le go ruta bana ngwao.

Kgosi Lotlaamoreng II o tlhalositswe fa seo se ka thusa go bopa bana ba ba nang le maikarabelo le botho.

O buile mafoko ao kwa wa Good Hope ka Labotlhano jaaka morafe wa Barolong o ne o ipelela ngwao.

“Fa o bona ka nako tse dingwe bana ba rona ba tswa mo tseleng jaana, ke go tlhoka go itse ditsamaiso le meila ya rona,” ga bua Kgosi Lotlaamoreng II.

A re go tshegetsa le go godisa ngwao go ka thusa gape go isa setshaba le lefatshe la Botswana kwa pele.

Mopalamente yoo itlhophetsweng mme ebile gape e le Tona wa madi Mme Peggy Serame ene a re go botlhokwa gore morafe o ikgakologelwe gore ke bo mang.

O supile fa seo e tlaabo e le yone tlhabologo e tona e eka ba bopang le go ba tshegetsa go ya kwa pele.

“Barolong a re ikgakologelweng go re rebo mang, re itsewe ka boammaruri, lorato, go tshepagala le bonatla.”

Mme Serame o tsweletse a kopa morafe go boela kwa masimong ka jaana kgaolo ya bone e itsewe ka temo, segolo jang ee tlhabologileng.

Tona le ene o ne a gatelela botlhokwa jwa go re banana ba simolole go tlhakana le bagolo  mo ditirong tsa mofuta oo go re e re kamoso, e nne bone ba ba etelelang pele.

O rotloeditse morafe go kwala ditso go re ba ba tlang kwa morago le bone ba nne le sebaka sa go itse go re morafe o dira ditiro tsa one jang.

Mme Serame one a akgola mokgatlho o o neng o rulagantse moletlo o o wa Dijamogopo mme a ba kopa go re ba tshwanetse go itse go re go ya kwa pele, ba dirise madi a mokgatlho sentle.

Kwa moletlong oo Tona Serame le Kgosi Lotlaamoreng II ba ne ba etela setsha se go boletsweng se tlaa simolola go dirisediwa meletlo ya ngwao, mme gape ba lema le ditlhare. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOOD HOPE

Event : kgotla meeting

Date : 04 Mar 2024