Breaking News

Bomme ba rapela kgatlhanong le dikgwetlho

04 Mar 2024

Matlhatso wa ntlha wa kgwedi ya Mopitlo ke letsatsi le ka lone kereke ya Seventh-Day Adventist e le seegetseng kwa tlhoko go nna letsatsi la Bomme ba kereke eo la thapelo.

Letsatsi leo, le le tshegediwang ngwaga le ngwaga le lejwa e le le le kgethegileng mo kerekeng eo, ka le fa bo Mme sebaka sa go etelela thapediso ya dikgwetlho le masula a mafatshe ka go farologana a di raletseng.

Ka jalo, bomme ba kereke ya Sabata ba Bokone Botlhaba le bone fela jaaka diphuthego tse dingwe lefatshe ka bophara, ba ne ba diragatsa moono wa kereke ba rulagantse letsatsi leo, kwa kgotleng ya Zwenshambe ka Matlhatso.

Tirelo eo, e ne ya rapelela dilo di le mmalwa tse di akaretsang Kagiso, boeteledipele jwa lefatshe leno le jwa motse wa Zwenshambe ga mmogo le ditlhopho tsa setshaba tsa monongwaga tsa lefatshe leno.

Go ne gape ga rapelwa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, ga rapelelwa pula le bana go remeletse segolo jang kgatlhanong le tiriso ya nnotagi.

Go sale foo, bomme ba kereke ya Sabata ba ne ba tlogela motlhala ka go abela baithuti ba basetsana ba dikole tsa Zwenshambe, se se botlana le se segolwane mephuthelwana ya mesangwana ya bomme e e lopileng P 1000.

Bomme ba ne gape ba abela bagodi ba Zwenshambe diaparo tse di neng di tswa mo malokong a kereke.

Mo godimo ga dimpho tseo, kereke ya Sabata ya Bokone Botlhaba e ne ya abela mosetsanyana mongwe wa motse wa Sekakangwe wa mo-na-le bogole kolotsana.

Fa a bua ka kabo ya dimpho tseo, molomaganya ditiro tsa bomme ba kereke eo, mo Bokone Botlhaba, Mme Momphithi Mmusi o supile fa lorato le tlhotlheletso ya mowa o o boitshepho, e le tsone di ba tlhotlheletsang go dira jalo.

A re o na le tumelo ya gore thuso epe e ba e direlang bangwe, ba bo ba e direla Motlhodi wa bone yo o kwa legodimong.

Mme Mmusi o tlhalositse fa ba tsere kgato ya go aba mesangwana e le go fa bana ba basetsana seriti le go ba thusa go tsena sekole ka tshosologo.

O boletse fa e se lantlha ba dira tiro ya go nna jalo mme e bile ka thata ya Modimo ba tla tswelela ka mowa oo.

Mo therong ya gagwe, Mme Obakeng Moseki yo e leng Mmamoruti mo kerekeng eo, o ne a gatelela botlhokwa jwa thapelo, a supa fa e le yone e fenyang mathata otlhe a lefatshe le batho ka bongwe ka bongwe ba kopang nao.

Mme Moseki o ne a gwetlha batho go ikanya thapelo mo diemong tsotlhe tse ba di ralalang, a re e tsisa phetogo, tsholofelo le tshwaragano mo matshelong a bone, a tlatsa ka gore thapelo ke puisanyo e e botlhokwa thata magareng ga batho le Modimo.

Mongwe wa maloko a kereke ya Sabata, Rre Denje Masalila o ne a tsibosa phuthego kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya maranyane.

Rre Masalila a re fa maranyane a dirisiwa sentle, a ka sologela batho molemo mme fa a sa dirisiwe ka fa tshwanelong a ka baka tlhakatlhakano le dikgoberego mo lefatsheng le mo malwapeng.

Ka jalo a re batho ba tshwanetse ba ikatisa thata go dirisa maranyane mo dilong tse di molemo, go sa nneng jalo ba tlaa bo ba neela diabolo sebaka sa go tlhakatlhakanya matshelo a bone.

Barutabana ba ba lebaganeng le tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa dikoleng ka bobedi ba ne ba lebogela mpho eo, ya mesangwana, ba supa fa e le ruri bo mme e le thari ya setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : ZWENSHAMBE

Event : Meeting

Date : 04 Mar 2024