Breaking News

Ba Tshwaane ba tlhopha kgosi

28 Feb 2024

Banni ba Tshwaane ba tlaa nna le sebaka sa go tlhopha kgosi Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le bobedi.

Letsatsi le le tlhomilwe ke Kgosi Kgari Sechele III ka Labobedi, morago ga gore mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Setlhabelo Modukanele a bege gore tsamaiso ya bogosi jwa bone ke ya ditlhopho, ka jalo ba tlaa e sala morago, go tlhopha yoo tlaa ba busang.

Rre Modukanele, yo o neng a le mo ditlhakong tsa tona wa lepahata Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, o tlhalositse fa go ne ga rongwa lekoko go rarabola kgang ya bogosi joo, e le go supa fa puso e ikaegile ka morero, segolo jang mo dikgannyeng tsa bogosi.

Go ya ka mothusa tona, go ne ga tsoga kgaruuru fa kgosi ya pele, Rre Othusitse Sengawana a tlogela tiro ka bogodi ka 2019, a supa fa a tlaa tlhatlhangwa ke morwae e bong Rre Gobonamang Sengawane.

A re bangwe ba ne ba le kgatlhanong le tshwetso eo, ka jalo, morago ga bogakolodi jo bo rileng, tona a tsaya tshwetso ya gore tsamaiso ya bogosi kwa motseng oo ke ya ditlhopho.

O tlhalositse fa go kaegile fa kgosi ya pele e ne ya tsena ka ditlhopho, mme tshwetso ya nna gore tsamaiso ya bogosi joo ke ya ditlhopho.

Rre Modukanele a re o solofela fa morafe o tlaa dira se se tshwanetseng, a gakolola fa bogosi e le pinagare ya motse.

Fa go se na bogosi, pinagare ya motse ga e yo, a tlhalosa,” a bo a tlatsa ka go re bokamoso jwa motse oo, bo mo maruding a bone.

O ne a tlhalosa gore ntswa go ne ga nna le maina mangwe a mabedi a a ntsitsweng go le pele, morafe o ka tswelela ka go ntsha maina a ba ba eletsang go ba roma go ba etelela.

Ntswa bontsi jwa batho ba ba neng ba akgwa mothusa tona dikgaba ba ne ba dumalana le mafoko a gagwe, bangwe ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana.

Mo mafokong a malebo, mopalamente wa Takatokwane, Rre Tshoganetso Leuwe o ne a kopa morafe go itseela tshwetso ka go tlhopha yo ba mmatlang.

Rre Leuwe o ne a supa matshwenyego a gore go tswewa sebaka se seleele go sa kajwe diphatlha tsa ditilo tsa bogosi.

A re seo se baya morafe ka fa mosing ka go kgaupetsa ditirelo dingwe.

A re ditilo tsa bogosi mo kgaolong ya gagwe ka bontsi ga di na ope, a tlatsa ka go re se se tshwenyang le go feta ke go utlwa go twe ditilo tseo di a tsewa di fetolelwa kwa ditirong tse dingwe.

Morafe o setse o supile leina la ga Rre Motaung Modise le Rre Gobonamang Sengawane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : TSHWAANE

Event : Tlhopo ya kgosi

Date : 28 Feb 2024