Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa dikgang tsa go ikgapela botshelo le dititeo

21 Feb 2024

Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa lefatshe la Zimbabwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone, a iteileng a bo a gobatsa rre mongwe ka legong mo tlhogong.

Rre yoo, wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe wa motse wa Sorilatholo.

Erile a bua mo potsolotsong mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng Superintendent Amos Kekgathetse, o supile fa tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e supa kwa motseng wa Sorilatholo, a supa fa banna boo babedi e ne e le badisa.

Rre yoo gobaditsweng o ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone kwa Molepolole mme a feta a fetisediwa kwa go sa Marina kwa a santseng a lebeletswe teng.

Supt Kekgathetse o supile fa mmelaelwa a lebisitswe molato wa go tsena mo lefatsheng leno e se ka fa molaong e bile a sena dipampiri tsa go bereka gammogo le yo a mo hirileng.

O supile gape fa erile kgwedi eno e le lesome le botlhano, mmelaelwa a leka go ikgapela botshelo ka go nwa sengwe se ba belaelwang e le tipi, a sena go utlwa seemo sa rre yo a mo gobaditseng.

Supt Kekgathetse a re mmelaelwa o ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Scottish kwa a fetileng a robadiwa.

Mogolwane wa mapodisi o supile  fa ba mo lebisitse molato wa go leka go ikgapela botshelo mme a tlaa itshupa fa pele ga lekgotla kgwedi ya Mopitlo e le masome a mabedi le borobabobedi.

Mo go tse dingwe, Supt Kekgathetse o supile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro, wa kgotla ya Badutlwe kwa Ditshegwane, a neng a itewa ka sengwe se se bogale mo tlhogong a robetse fa ntle le bontsalae.

Supt Kekgathetse o tlhalositse fa mme yoo a ne a ragosediwa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone kwa Molepolole ka dikgobalo tse di masisi, mme a fetisediwa kwa sepateleng sa Marina.

O tlhalositse fa basupi ba tlhalositse fa ba sa bona yo a mo gobaditseng mme ba belaela moratiwa wa gagwe.

O tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e le lesome le bosupa mme ba e begetswe kgwedi eno e le lesome le borobabobedi ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya bone mo mosong.

Mogolwane wa mapodisi o tlhalositse fa erile lone letsatsi leo ba begelwa fa mmelaelwa a bonwa a ikaleditse kwa kgotleng ya Tlhaping kwa Ditshegwane.

O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di supa fa rre yoo a ne a ratana le mme yoo gobaditsweng, e bile rre a tlholega kwa Moshaweng.

E ntse e le gone mo kgaolong ya Letlhakeng, mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro wa kgotla ya Shageng, a neng a tsatsankiwa ka sengwe se se bogale, mme a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Letlhakeng kwa dingaka di rurifaditseng fa a tlhokafetse.

Supt Kekgathetse o supile fa ba tshegeditse rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe wa kgotla ya Tshosa kwa Letlhakeng mabapi le tiragalo eo.

O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di supa fa ba ne ba ratana. A re ba begetswe tiragalo eo kgwedi ya Tlhakole e le lesome le borobabobedi ka nako ya bobedi mo mosong.

Supt Kekgathetse o gakolotse banana gore fa ba na le dikgwetlho mo leratong ba kope dikgakololo mo batsading gore ba ba letlanye.

O ba kopile gape go se tseye ditshwetso ba itsheetse nnotagi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 21 Feb 2024