Breaking News

Di-tsa tlholego di ka tshetsa

21 Feb 2024

Melapo, dithaba, mekgatsha, magaga, maungo a naga, puo, kapari, mebu le di-tswammung tse di fitlhelwang kwa kgaolong ya Serowe le metse e e sebapi, dika thusa go fetlha mebereko le go tokafatsa itsholelo.

Lenaneo la puso la Local Economic Development (LED), le le rotloetsang merafe go somarela le go dirisa ditsatlholego tse di mo mafelong a bone go di dirisa  mme go itlhabolola.

Mogolwane wa ditogamaano go tswa khanseleng ya Serowe, Mme Lerato Gomotsegang, o tlhalositse fa bodiredi bo le teng go ba gakolola go tswa ka methale e e farologaneng gore ditsatlholego di ka ba solegela molemo jang.

Mme Gomotsegang, yo o neng a bua mo phuthegong e e neng e tshwerwe kwa kgotleng kgolo ya Serowe ka Labobedi a re lenaneo leo, le batla merafe e ikemela ka dinao ba ipelega ka bo bone e seng ba direlwa ke puso.

A re ditsatlholego tse ba di lemogile thata kwa kgaolong ya Serowe ke maungo jaaka mogorogorwana, mmilo, moretologa, moseme, bojang, mahubala, moretlwa, morula, sengaparegile, motsotsojane le phane ke dingwe tse di ka dira madirelo a a ka tlisang dijo le ditiro.

Mme Gomotsegang o boletse fa mogorogorwane le morula di dira ditee, jeme, mahura, dinotsididi le ditlolo, dilo tse di ka dirang madi a ditlhabololo mo metseng.

A re thaba ya Tlhatlaganyane kwa Serowe ke selo se se kgatlhang, go bo go nna gape le dithaba tsa Swaneng, e gonang le Swaneng wa monna le wa mosadi, matlapa a a kgabisang le metlhaba.

Go na gape le matlo a ditso a boora Seretse, dikereke tse dikgologolo jaaka ya London Missionary Society, tse di ka ngoka bajanala le go tsenya letseno la ditlhabololo.

O tlhalositse fa masimo le matlotla a a sa dirisiwang a ka adimiwa batho ba lema maungo mo teng ba rekisa ba bo ba thapa Batswana ba bangwe.

O ba kgothaditse go batla babeeletsi go ba thusa go tlhabolola dikgwebo tsa metse ya bone.

Modulasetilo wa komiti ya LED kwa khanseleng, Mokhanselara Atamelang Thaga, o rotloeditse banni go tlhama ditlhopha mme ba dirise ditsha tse di sa dirisweng go lema le go ngoka babeleetsi go thusa. 

Fa ba ntsha megopolo, bangwe ba banni ba ratile mogopolo thata ba bolela fa Serowe a tletse dikhumokhumo tsa ditsatlholego mo go ka tweng ‘motlhala wa khumo o tlhoka balati.’

Mme Ookeditse Monyena, o boletse fa go na lefelo go bapa le kgotla ya bofelo ya Makolojane le bidiwa Leitlho, a bolela fa le kgatlhisa leitlho mme le tshwanetse la elwa tlhoka la tsenngwa mo ditogamaanong go ngoka bajanala.

Mme Monyena o kaile fa masimo a a sa dirisiweng, puso e tshwanetse ya hirisa ya lema ya ntsha dijo ya hira batho mo teng.

Rre Tshepho Moloi o kopile gore fa go dirwa moalo wa lenaneo la LED, go elwe letlhoko melwana (policies) ya mananeo mangwe a puso gore a seka a kgopetsakgopetsana.

Rre Lengani Mathumo o kaile fa kwa masimong a bone go tletse mogorogorwane mme bangwe ba tswa kgakala ba tla go o bapala le fa o sa butswa, ba o rwalelela kwa ga bone, a kopa gore o tshwanetse wa somarelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Feb 2024