Go latlhwa ga masea go a tshwenya
13 Feb 2024
Mapodisi a Serowe a tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa go latlhwa ga masea a a sa tswang go tsholwa.
Se se tlhalositswe ke mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng mo potsolotsong le BOPA, a supa fa ditiragalo tsa mofuta o, di golela pele mo kgaolong ya gagwe ya sepodisi.
A re go simolola ka 2022, go setse go latlhilwe masea a le matlhano, e bile bangwe ba fitlhetswe ba tlhokafetse.
O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno, ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng losea lo lo sa tswang go tsholwa lo fitlhetswe lo tlhokafaletse mo tseleng ya dikoloi mo bekeng eno kwa kgotleng ya Rakgomo mo Serowe.
Rre Oteng o boletse fa losea loo, go fitlhetswe lo gatilwe ke koloi, mme go belaesega fa mmaalone a ne a lo latlhetse mo tseleng ya dikoloi.
O boletse fa bafeti ka tsela e le bone ba lemogileng tiragalo eo.
A re mo nakong eno, ga go na ope yo o itshupileng fa e le ene mmaagwe losea loo.
Rre Oteng o kopile banni ba Serowe go thusa mo ditlhotlhomisong.
A re fa ba itse ope yo o neng a itsholofetse, mme go lebega a belege mme ngwana a seyo, ba thuse gore a tle a botsolotswe.
Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mararo wa Mmashoro yo o tlhabileng mme wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe wa kgotla ya Kgosing kwa Mmashoro ka sengwe se se bogale mme a tlhokafala.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi mo ditiragalong tsoo-pedi di santse di tsweletse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 13 Feb 2024