Ditiro tsa puso di tlhoka go tshwaraganelwa
11 Feb 2024
Tshwaragano magareng ga morafe le puso, ga mmogo le beng ba dikonteraka ba ba thapilweng go dira ditiro tsa setshaba e botlhokwa mo go tlhomamiseng gore ditiro di dirwa sentle di bo di wediwa ntle ga makgwere ape.
Tona wa tsa dipalamo le ditiro tsa setshaba, Rre Eric Molale o buile jaana bosheng kwa Goo-Kodisa fa go ne go bewa monwana tumalano ya tshimolodiso ya kago ya tsela ya Mmankgodi-Kanye.
Tsela eo ya boleele jwa dikhilomithara tse di masome matlhano go tswa kwa go ya Mmankgodi fa e fapogang ya Gabane-Kanye teng go ya go ema kwa ofising ya sepodisi ya Sejelo kwa Kanye e tlaa lopa puso P314 million mme e solofetswe go wediwa le go rolelwa puso ka Tlhakole wa 2027.
Tona Molale o ne a kaya jalo a gwetlha ba-na-le seabe ba bararo e leng rakonteraka, puso le banni ba metse e tsela eo e e ralalang go goga mmogo.
A re seo se ka tlhomamisa gore e wediwa ka nako e e beilweng le ka tlhwatlhwa e e tshwanetseng.
A re go tlhoka neelano ga boraro jo gantsi go baka dikgotlhang tse di amang boleng jwa tiro, a supa fa gangwe le gape diphapang tseo di goroga le kwa makgotleng a ditsheko mme seo se die ditlhabololo tse setshaba se a bong se sa bolo go di nyorelwa.
A re go agwa ga ditsela di le mmalwa di akaretsa tsa Gumare-Nokaneng, Tutume-Maitengwe, Francistown-Matsiloje le Kokotsha-Tsabong go ne ga ema ka ntlha ya go isiwa ga diphapang tsa go dirwa ga tsone kwa pele ga makgotla a ditsheko.
Rre Molale o ne a ikuela mo go ba Bango Trading ba ba abetsweng go dira tsela eo go tlogela motlhala mo metseng e e e ralalang ka go thapa beng-gae ba bo ba ba fa dikitso tse ba tlaa salang ba itshetsa ka tsone.
A re dikitso di akaretsa tsa go dira matshwao a tsela le go rala ditsela ke dingwe tse ba ba tlaa nnang le lesego la go thapiwa ke khamphani eo ba ka di anywang mme tsa ba fa tshiamelo ya go ka tsoga ba bona mebereko kwa dikhamphaning tse dingwe ga mmogo le gone go itshimololela dikhamphani tsa bone mme ba tlhamela Batswana ba bangwe mebereko.
Tona o ne a tlhalosetsa banni fa tsela eo e tlaa akaretsa ditsela tse di fapogelang mo metseng ya Ramaphatle, Goo-Kodisa le Polokwe.
A re seo se tlaa bo se tsamaalana le molawana wa gore fa go agwa ditsela tse ditona, metse e e dikhilomithara tse di lesome go ya kwa tlase go tswa kwa go tsone e direlwe ditsela tse di e golaganyang le tse ditona tse di agwang.
Fa a amogela tiro, mookamedi wa Bango Trading, Rre Moffat James o supile fa ba itlamile go dira ka natla go tlhomamisa gore ba wetsa kago ya tsela eo ka nako le ka ditshenyegelo tse di dumalanweng.
O tlhalositse fa ba ikemiseditse go dirisana sentle le magosi a metse e e amegang, a bo a rurifatsa fa khamphani ya bone e tlaa thapa beng-gae jaaka e le tshwanelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : GOO-KODISA
Event : Tshimolodiso ya kago ya tsela ya Mmankgodi-Kanye.
Date : 11 Feb 2024