Moruti Machola o etelela Lobatse pele
05 Feb 2024
Moruti jaaka modisa yo o molemo o tshwanetse go kgathala ka batho, a ba rute, a ba rotloetse go gola mo tumelong ka go itse lefoko la Modimo, bogolo jang ba ba dipelo tse di thubegileng le ba ba tlhokang thata.
Go anamisa lefoko le le molemo ka Jeso go ka kgonafala fa moruti a le boikanyego, a bala go ithuta gore a tsepame mo tumelong.
Mookamedi wa kereke ya Methodist Church of Southern Africa, mo Molopo District, Moruti Motsewatile Morokane o buile jaana a amogela le go tlhoma Moruti Mogomotsi Machola go etelela phuthego ya Lobatse pele ka Tshipi.
Molopo District e akaretsa Ngamiland, Francistown, Botswana Central, Lobatse, Mafikeng, Lehurutshe le Lichteburg.
Moruti Morokane o boletse gape gore Rev. Machola o tlamilwe ke thato ya Modimo, a bolela gore pitso e ke boikarabelo, ga e tsenwe ka maatla a motho mme ke ka tshegofatso ya Modimo le kemo-nokeng ya dithapelo.
Moruti Machola a bolela gore Bakeresete ba tlhoka go ikgakologelwa, a tlatsa ka go re boitshwaro le ka fa ba tshelang ka teng go tshwanetse ga farologana le ga batho ba ba sa itseng Modimo.
A re go na le dikgogakgogano, go tlhoka tlotlano mo phuthegong le go lwela maemo, dilo tse di itsang kereke go gola.
Mo go tse dingwe o boletse gore moithuti mo tumelong ke yo o tlhaloganyang, a obamela e bile a diragatsa dithuto tsa ga Keresete.
A re go dira barutwa go raya go ruta le go suga batho gore ba itse mme ba diragatse ka botlalo se ba se rutwang.
Moruti Machola a re thomo ya ga Jeso ke go laela barutwa ba gagwe gore ba diragatse gore ba dire batho e nne balatedi ba ba tsepameng ba ga Jeso.
A re go dira barutwa ke tiro e e botlhokwa ya kereke, ditiro tsotlhe tsa kereke di tshwanelwa ke gore e nne tsa go dira barutwa le go ba fepa ka lefoko la Modimo go nne le kgolo mo botshelong jwa semowa.
A re morutwa ke yo o latelang kana yo o salang Jeso morago, go dira barutwa ke go thusa le go tataisa batho gore ba kgone go latela Jeso kgotsa ba bone lesedi la botshelo.
A re go nna motho yo o ithutang mo go Jeso ke ntlha ya botlhokwa, e seng go nna molatedi yo o sa fetogeng mo botshelong.
Moruti ne a tlhalosa gore kgang ya botlhokwa ke thuto le kitso tse di tshwanetseng tsa ba fetola, tsa ba aga go nna batho ba ba nang le botsalano le Modimo.
Moruti Machola a re tiro ya phuthego ke go thusa batho go itse Jeso, ba nne le botsalano le ene, ba ithute mo go ene, matshelo a bone a supe gore Jeso o a tshela mo go bone.
O ne a tlatsa ka go re kereke ga se lefelo le go intshiwang bodutu kwa go lone, kana kwa go kgobokanelang batho ba ba iponang ba le botoka ba lebela ba bangwe kwa tlase teng.
A re kereke ga se ya batho ba ba sa kgathaleng ka matshelo a batho ba bangwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Potsolotso
Date : 05 Feb 2024