Breaking News

Kokelo e tlaa agwa kwa Palapye

04 Feb 2024

Mopalamente wa Palapye Rre Onneetse Ramogapi a re kokelo ya Palapye e banni ba e kopileng e tla a agiwa.

Rre Ramogapi a re le fa go le jalo, ga go ise go papamale gore e tla a agiwa kgwedi efe.

Rre Ramogapi o buile se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Palapye ka Labone.

A re go setse go na le ba ba filweng tiro ya go thusa mo kagong ya kokelo eo.

O ne a supa fa e ne e rile go le pele, go ne go akantswe go re kokelo eo e agiwe fa kokelo e e dirisiwang mo nakong eno e leng teng mme ka lefelo le le nnye, ga batliwa lefelo le sele go bapa le diofisi tsa sepodisi tse disha.

Mopalamente o ne a lekodisa banni fa ditsela tse di fa gare ga motse tsa madi a a tlwaelesegileng ka go bitswa a mopalamente di tsweletse.

O tlhaloseditse banni ka kago ya sekole se sebotlana se se agiwang go thusa go fokotsa mosuke mo dikoleng tse dingwe.

Rre Ramogapi o ne gape a lekodisa banni ba ka melao e e fetisitsweng ke Palamente e mengwe ya one e leng o o itebagantseng le go letela tsheko kwa ntle ga mmelaelwa. 

A re Batswana ba ne ba ngongorega thata ka kgang ya gore motho fa a sena go dira molato o motona o tshwana le wa polao ya motho le wa peletelo go nna motlhofo gore a letele tsheko a le kwa ntle.

Molao o mongwe ke o o kgatlhanong le go utswiwa ga batho kana, a supa fa go utswiwa ga batho go le methale mentsi. 

O ne a fa sekai a re bangwe ba utswa batho ka go ba laletsa ditiro kwa mafatsheng a sele mme ga ba goroga kwa mafatsheng ao ba dirisiwe mo go tsa tlhakanelo dikobo.

Rre Ramogapi a re go ntse go sena molao o o sireletsang ba-na-le bogole, mme a supa fa Palamente e ne ya baakanya seemo seo. 

Rre Ramogapi o ne a supa matshwenyego ka seemo sa thuto a, supa fa e rile mo go eteleng dikole mo Palapye a fitlhela matlwana a boitiketso a a sa direng le matlwana a borutelo a seemo sa one se sa itumediseng. 

Ka jalo, o ne a gwetlha batsadi go ka ikemela ka dinao go nonotsha thuto ya bana ba bone.

Mme Keabetswe Marumolwa go tswa kwa ofising ya ditlhabololo mo khanseleng ya Palapye o tlhalositse fa go tla a dirwa ditsela tsa selekanyo sa 25 km mo Palapye. 

A re go tla a dirwa tsela fa gare ga Extension 6 le 7, tsela e nngwe e dirwe fa gare ga Extension 6 le 5, mme e nngwe e dirwe fa gare ga Extension 5 le 8. 

A re tsela e nngwe e tla a dirwa go tswa fa ofising ya sepodisi e ya kwa Extension 9, mme e nngwe e dirwe fa gare ga marekisetso a Extension 3 le Extension 1 le e nngwe e dirwe mme e feta fa sekoleng se segolwane sa Mmaphula. 

Mme Marumolwa a re go tla a tsenngwa dipone tsa mekgwatlha le mesele ya kgopho ya metsi.

E ne e rile go le pele, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Prince Oatlhotse a supa fa kokelo ya motse e le mosuke fela thata, a supa fa ba sale ba solofeditswe kokelo mme ba ise ba lekodisiwe gore e agiwa leng.

Rre Oatlhotse o ne a lebogela kago ya sekole se sebotlana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : PHUTHEGO YA KGOTLA

Date : 04 Feb 2024