Ikwadisetso ditlhopho e tsweletse sentle
25 Jan 2024
Ikwadisetso ditlhopho tsa setshaba tsa monongwaga e kaiwa e tsweletse sentle kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Mo puisanong le BOPA ka Labobedi, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Masunga, Rre Seikaneng Kgafela a re fa e sale ikwadisetso ditlhopho e simologa go fitlha kgwedi eno e le lesome le boferabongwe, go ikwadisitse batho ba le 5 503 kwa Tati Botlhaba fa kwa Tati Bophirima go ikwadisitse ba le 5 202.
A re banni ba dikgaolo tseo, tse di welang mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba kwadisitse ka dipalo tse di nametsang, le ntswa go supagala fa bagolo e le bone ba ikwadisang ka dipalo tse di fa godingwana.
Ka jalo, o ne a gwetlha ba ba santseng ba saletse kwa morago go ikwadisa nako e santse e le teng.
O kgadile mokgwa wa go emela motsotso wa bofelo, a re seo se ka tla se fekeetsa bakwadisi.
O ne a gakolola setshaba go ntshafatsa Omang, a tlhalosa fa a tlhokega go re motho a ikwadise le go tlhopha, ka jalo o tshwanetse a bo e le mo tirisong.
A re ope yo Omang wa gagwe o ka felelwang ke nako a sena go ikwadisetsa ditlhopho, a tlhomamise go re o ntshafadiwa nako e sale teng.
O gateletse botlhokwa jwa go babalela Omang le karata ya ikwadisetso ditlhopho, go re banni ba tle ba nne le sebaka sa go tlhopha.
Go sale foo, Rre Kgafela a re lentswa go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone, ba itepatepanya le tsone go tlhomamisa gore ga di ame ikwadiso.
A re dipula tse di neng di tshologa bosheng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, di ne tsa diga ditante.
O supile fa kwa mafelong a tshwana dikole bakwadisi ba direla ka fa tlase ga ditlhare, mme ba ne ba tshwaragana le bogogi jwa dikole, go tlhomamisa gore fa pula e na ba bewa golo gongwe go tsweledisa tiro.
Kgwetlho e nngwe e Rre Kgafela a tlhalositseng ba kopana le yone, ke e e bakilweng ke diphetogo dingwe mo dikgaolwaneng dingwe tsa khansele, morago ga kgaoganyo melelwane ya bokhanselara.
O file sekai ka kgaolwana ya Masunga, e e ntseng e akaretsa metse ya Letsholathebe, Vukwi le Masunga, a tlhalosa fa e kgaogantswe ka bogare go dira dikgaolwana tse pedi, e leng Masunga/Vukwi le Letsholathebe/Masunga.
O supile gape fa seemo seo se nnile teng le kwa Tati Siding, ka jaanong dikgaolwana tsa koo di okeditswe go tswa mo bobeding go nna tharo, e leng Tati Siding Central, Tati Siding North le Shashe Bridge/Tati Siding South.
Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho o supile fa se, se bakile ketsaetsego mo bangweng, ka go ba ntshitse kwa mafelong a botlhophelo a a gaufi le bone, a ba neng ba tlwaetse go ikwadisetsa le go tlhophela teng.
Le fa gontse jalo, Rre Kgafela a re se se botlhokwa ke go ikwadisetsa mo dikgaolwaneng tse ba welang mo go tsone.
Rre Kgafela o boletse fa ofisi ya gagwe e dirisitse methale e e farologanyeng go isa molaetsa wa go ikwadisetsa ditlhopho kwa banning ba kgaolo.
O lebogetse tshwaragano ya ofisi ya gagwe le ba-na-le seabe ba bangwe, ba ba akaretsang ofisi ya ga molaodi, go netefatsa gore ikwadisetso ditlhopho e tsamaya ka thelelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Puisano
Date : 25 Jan 2024