Baithuti ba rutwa boitshwaro jo bontle
10 Jan 2024
Mogokgo wa Masunga Senior Secondary School, Rre Jabulani Munyere a re jaaka sekole se segolwane, ba dumela mo go ageng boitshwaro le mokgwa o o eletsegang wa baithuti.
E rile a bua mo potsolosong ka kampa ya ithutuntsho e e diretsweng baithuti ba lokwalo lwa botlhano ba sekole seo, Rre Munyere a re baithuti ba raletse dikgwetlho tse dintsi tsa botshelo, ka jalo ba tlhoka bogakolodi le tshidilo maikutlo.
A re dikgwetlho tse gantsi di baka gore baithuti ba latlhegelwe ke go itshepha.
“Morago ga kampa e, fa re amogela baithuti ba lokwalo lwa bone, go nna le diphetogo mo boitshwarong,” Rre Munyere a tlhlosa a bo a supa fa baithuti ba lokwalo lwa bone le bone ba tsenelela dithuto tse, gore ba seka ba tloga ba ntsha ba bangwe mo tseleng.
A re kampa e, e tsamaisiwa ke masole a Botswana sebaka sa beke, mme e mosola ka e tokafatsa maduo le maitseo a baithuti.
O boletse fa masole a ruta baithuti go tsaya ditaelo ka tlhamalalo go tswa mo batsading le barutabana.
Rre Munyere a re ikatiso le dithuto tse di akaretsa le mapodisi, lephata la botsogo le ba tshidilo maikutlo, go kopanela kgang ya go aga tshaba e e itekanetseng gape e ntsha maduo a a kwa godimo.
“Kampa e, e thusa go ba ruta go somarela le go berekela mo nakong mme gape e ruta boitshwaro jo bo siameng jo ba felelang ba bo tseela kwa matlwaneng a borutelo,” Rre Munyere a tlhalosa.
A re morago ga kampa, baithuti ba tsenya se ba se rutilweng mo tirisong go bo go nne le diphetogo ka bophepa, go itlotla le go tlotla ba bangwe.
O kaile fa bana ba ba kgopo e bile ba sena botho, ba agwa mme morago bontsi bo tlogela tiriso ya dinotagi le diritibatsi.
A re go le gantsi fa go nang le boitshwaro jo bo siameng le go tsepama mo dithutong, maduo a ditlhatlhobo a ya kwa godimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 10 Jan 2024