Melemo e a tlhaela kwa Borotsi
10 Jan 2024
Banni ba kgotla ya Borotsi kwa Bobonong ba re ba santse ba tshwenngwa ke tlhaelo ya melemo kwa kokelong ya bone.
Mongwe wa banni, Rre Israel Tebelelo o tlhalositse fa seemo se ise se siame ka melemo mengwe e santse e le dingalo go bonwa mo dikokelong.
O tlhalositse fa e a re ba tlhokile melemo kwa kokelwaneng ya Borotsi ba rotloediwe go ya go e tsaya kwa kokelong e kgolo mme le gone nako tse di ntsi ba seke ba e fithele.
O ne gape a tlhalosa fa nako e melemo e leng teng, ba tlhoka motho yo o e abang, selo se a reng se baya matshelo a bone mo diphatseng.
Rre Tebelelo a re ba sale ba ikuetse gore kokelwana ya bone e okediwe ka dipalo tsa batho di oketsegile mme ga ba ise ba bone thuso.
Matshwenyego a dule kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Bobonong, Rre Taaolo Lucas ka Labobedi.
Rre Tebelelo o ne gape a ngongorega ka lebaka le motho a le tsayang a santse a letetse go dirwa loaro, a tlhalosa fa se se baka gore bolwetse bo felele bo keketse.
Mme Elizabeth Marumo ene o supile ngongora mabapi le go tlhoka mafelo a dikereke di ka tshwarelang ditirelo tsa tsone kwa go one mme a kopa mopalamente go tsaya kgang e ka tlhoafalo go itsa go ntsifala ga bomaipayafela.
Mme Marumo o tlhalositse fa madi a a duedisiwang dikereke a le mantsi, bogolo jang ka di sa dire dipoelo dipe.
E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Lucas a tlhalosa fa go itumedisa go bo bogodu jwa loruo bo wetse kwa tlase.
A re go diragetse jalo ka tshwaragano ya ba-na-le seabe ba tshwana le dikgosi, mapodisi le morafe.
Rre Lucas o ne a kgothatsa banni ba Borotsi go nna pelotelele ka ditsholofetso tse di neng tsa dirwa ke puso go abela ba ba neng ba thukuthiwa ke magodu loruo di tlaa diragadiwa.
O ne a phophotha mapdisi legetla go bo ba berekile ka go mekamekana le bogodu jo bo neng bo sa bontshe morafe boroko a bo a ba kgothatsa go tswelela ba tshwaragane le mephato e e itebagantseng le go bona gore leruo la Babirwa le babalesegile.
Mo go tse dingwe Rre Lucas o ne a etsese banni fa e tlaa re morago ga ditlhopho tse di tlang dikgaolo tsa Borotsi le Lepokole di bo di ikemetse e bile seo se tlaa tokafatsa go goroga ga ditlhobololo.
Fa a ntsha la gagwe, mookamela mapodisi a Bobonong, Superintendent Paul Seoko o tlhalositse fa a santse a tshwenngwa ke batho ba ba tsweletseng ka go fitlha dirukutlhi mo malwapeng, a tlhalosa fa go dira jalo go sa siama ka ba folodisa maiteko a sepodisi a go lwantsha botlhokatsebe.
Superintendent Seoko o ne a tlhalosa fa go na le serukutlhi se batho ba Borotsi ba se itseng e bile ba anwa le sone bojalwa mme ba palelwa ke go begela mapodisi ka mabaka a gore ba a se tshaba.
O ne a re kgang e e a tshwenya ka motho wa go nna jalo a le borai mo matshelong a batho mme go tlhoka tirisano mmogo fa gare ga mapodisi le morafe ka ba ka seke ba kgone ba le nosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Borotsi
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 10 Jan 2024