Banni ba ngongorega ka tiego ya ditlhotlhomiso

01 Dec 2023

Banni ba Molepolole ba supa fa ba sa jesiweng diwelang ke tiego ya go tlhotlhomisa le go rarabolola dikgang tse di amanang le dipolao tsa batho.

Ba ntshitse  matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Kgosi Kgari III mo Molepolole ka Labone.

Ba ne ba supa fa tiego ya ditlhotlhomiso e baka gore batho ba itseele molao.

Mongwe wa banni, Rre Ontefetse Khutloeng a re ba sepodisi ba nna maoto a tshupa go latedisa dikgang tse ba di begelwang tsa dipolao tsa batho mme seo se dire gore bangwe ba gogomoge maikutlo.

“Ba sepodisi ke lona tshoso e rweleng ka mabaka a gore dilo tse tsotlhe tse di maswe le a bo le itse mothala wa tsone ebile le di begetswe. Ka jalo tsibogelang dikgang tse,” ga bua Rre Khutloeng.

Morafe o ne wa tswelelela ka go  supa fa o ngongorega gore  bogogi jwa motse bo tsaya sebaka go bitsa phuthego go utlwa matshwenyego a bone mme e re seemo se sena go tswa mo taolong e nne gone ba tswang mokgosi.

Rre Lucas Kgosiemang a re tshwaragano ya magosi le morafe e ka thusa go fokotsa dikgwetlho tse di aparetseng  motse wa bone.

Rre Kgosiemang o ne a gatelela gore fa magosi a ka nna seopo sengwe le morafe ba ka bereka mmogo ba sa kgope kgopetsane.

Fa a araba banni, motshwarelela mookamela mapodisi sa Botswana, Rre Solomon Mantswe a re tiro ya mapodisi ga e motlhofo ka jaana e akaretsa ditshwanelo tsa molao motheo gore ka nako tsotlhe go nne le kgololesego.

A re le ntswa dikgang tse dingwe di tsaya sebaka go santse go dirwa ditlhotlhomiso, seo ga se reye gore modira molato a ka se atlholwe.

“Ke bua se ka gore dikgang dingwe di diragetse fa re neng re le ba sepodise re tshwere motho e seka ka fa molaong mme seo sa feletsa se dira gore puso e duele morago ga gore mmelaelwa a re sekise,” ga tlhalosa Rre Mantswe.

A re go latedisa dikgang tsa magatwe go gogela mo thaelong ebile go dira gore bangwe ba akanye gore ba sepodise ba dirisana le dilalome mme go sa nna jalo. Ends

 

 

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Dec 2023