Lenaneo la Nyeletso Lehuma le tlhoka go sekasekwa

29 Nov 2023

Makhanselara  a Gaborone ba kopile puso go sekaseka ka fa lenaneo la nyeletso lehuma le tsamaisiwang ka teng ka ba dumela fa go na le bangwe ba ba tlogelwang kwa morago.

 Se se buile ke mokhanselara wa Marulamantsi, Mme Gosego Thamage fa a ne a akgela mo pegong ya ditlhabololo tsa toropo, e e neng e rolwa ke molaodi wa Gaborone, Mme   Dintle Setlhotlhe mo phuthegong ya khansele bosheng.

  Mme Thamage o tlhalositse fa go na le batlhoki ba le bantsi ba ba tlolwang ke mananeo ka gore go dumelwa fa ba tshela sentle go lebeletswe matlo a matona a ba a tlogeletsweng ke batsadi ba bone.

   O supile fa go lebelela dilwana go rontsha bontsi jwa batho mananeo a puso e lekang go fetola matshelo a batho.

  Mokhanselara yo o itlhopetsweng, Rre Lotty Manyapedza o supile fa bodiredi le makhanselara ba tshwanetse go tshwaragana mo dithutontshong gore ba thusane ka megopolo le gone go le tlhaloganya sentle gore lenaneo la nyeletso lehuma le gole.

  O supile fa go le botlhokwa gore mo bokopanong jwa go nna jalo go nne le ba komiti ya motse le bone ba tswe ka megopolo gore lenaneo le ka godisiwa jang.

Mo go tse dingwe, makhanselara ba ne ba ntsha matshwenyego ka mathombo a a gopang leswe a a dutlang mo toropong.

 Fa a araba dikakgelo, Mme Setlhotlhe o ne a tlhalosa fa puso e tsweletse ka go neela batho mananeo.

  O supile fa go le botlhokwa gore batho ba tswelele ka go neela puso mabaka a go ka fetola ditsetlana tse di dirisiwang go neela batho ditlamelo tsa nyeletso lehuma.

  A re se se mosola ka jaana fa ba ntsha mabaka, puso e ka dumalana ya fetola ka fa lenaneo le tsamaisiwang ka teng.

Mo go tse dingwe, o ne a supa fa go thubega ga mathombo a a gopang leswe a dutla, ka gore a setse a le  magologolo. 

  O ne a supa fa gantsi mananeo a sa atlege ka jaana batho ba sa batle. O ne a supa fa dikgwebo tsa Batswana di ka godisiwa ke go tshwaraganelwa a supa fa  mananeo a sa atlege ka batho ba maoto a tshupa  go tshwaraganela dikgwebo. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : GABORONE

Event : Lenaneo

Date : 29 Nov 2023