Ditlhwatlhwa tsa dithuto di ile tlase
25 Oct 2023
Puso e fokoditse ditlhwatlhwa tsa dithuto kwa polaseng ya Lobu go thusa barui go tsena ithuthuntsho ka dipalo tse di kwa godimo.
Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Samuel Brooks o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Maubelo ka Mosupologo e maikaelelo a yone e neng e le go rerisanya le banni ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng ga mmogo le go bua le ka ditlhabololo tsa motse wa bone.
Mopalamente o ne a tlhalosa fa dithuto tsa temo-thuto kwa polasing ya puso ya Lobu e ne e le P1 600 mme di fokoditswe go ya kwa go P350 ka beke, fa kwa Ramatlabama kwa go rutuntshiwang barui ka kgwediso ka seatla di fokoditswe go tswa kwa go P7 000 go ya kwa go P500.
O ne a gwetlha banni go tsena dithuto tseo ka bontsi go tlhabolola leruo ka e le yone teemane ya bone le gone go inaakanya le mananeo a puso a a leng teng go tokofatsa matshelo a bone. Mopalamente o boletse fa puso e tsere tshwetso ya go letlelela dithoto go feta ka dikoloi tse di tona kwa melelwaneng ya MacCathy’s Rust le Bokspits mme ba sa ntse ba tlaa buisanya le ba lefatshe la Afrika Borwa.
O ne a supa gore e re le ntswa seo e le ditlhabololo tse di tokofatsang matshelo a batho ba kgaolo ya gagwe, seo se ka nna botlhabetsi ka se ka rotloetsa go nna teng ga borukutlhi bo tshwana le jwa go gweba ka batho.
Mopalamente o ne gape a rotloetsa banni go inaakanya le mananeo a puso a a farologanyeng a a akaretsnga a thuo ya ditlhapi, temo-thuo le a mangwe mme a supa fa lekalana la Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) le tlaa bula mo bogaufing go ba thusa ka madi.
O ne a gakolola ba khansele ya Tsabong go tsenya leitlho thata mo ditirong tse ba di tsamaisang tsa dithendara go di ela tlhoko le go di sekaseka gore a di dirwa ka matsetseleko le boleng jo bo kwa godimo le gore a di wediwa ka nako e e dumalanweng.
Mo go tse dingwe Rre Brooks o ne a supa matshwenyego mabapi le dikgang tse di diragalang gantsi mo motseng wa Maubelo tse di amang gantsi basetsanyana di akaretsa dipolao, dipetelelo, le tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boherabobedi. O ne a gakolola batsadi go kgalema a ba a kopa morafe go bopa dikomiti tse di tlaa emang kgatlhanong le dikgang tsa go nna jalo.
Banni ba motse wa Maubelo ba ne ba lela ka go kekela ga bogodu jwa leruo bogolo jang dihutshane mo motseng wa bone, selo se bangwe ba supileng fa se ba tlogetse ba iphotlhere ka borukhutlhi joo bo ba amogile leruo la bone lotlhe.
Mongwe wa batsadi Mme Kiddo Orekelwang o ne a supa fa go belaesega fa bogodu joo jwa leruo bo dirwa ke banana ba motse, mme a supa fa batsadi ba bipa mpa ka mabele mme seo se kgoreletse gore badiramolato ba tseelwe dikgato tse di maleba. O ne a supa fa gape go nale ditirafalo tsa dipolao tse di diragalang mo motseng wa bone mme se se ngomolang pelo e le go tlhoka go tshwarwa le go lebisiwa molato ga badiramolato.
Mme Orekelwang o ne a ngongorega gape ka sekole sa ithutelo ditiro sa Kgalagadi South Brigade a re se okelediwe dithuto go tsenya dithuto tsa ditiro tsa diatla ka mo nakong ya gompieno se ruta dithuto tsa madi (Accounts) le tsa dikhomputara (Computer Studies) fela.
Fa a araba banni mogolwane go tswa Kgalagadi South Brigade Rre Hendricks Moirapula o ne a supa fa ditlhabololo di tsweletse tsa go simolodisa dithuto tse di tlhokegang tsa ditiro tsa diatla go akarediwa le tsa temo-thuo.
Rre Moirapula o supile fa didirisiwa di gorogile go dira dikago, mme a tlhalosa fa kago ya masaka e saletse kwa morago ka lebaka la tlhaelo ya madi.
Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi-David o ne a supa fa ba gatisitse dipolao di le pedi mo motseng oo, tsa go itlhokomolosa bana di le tharo, tsa bogodu jwa leruo di le tlhano mo ngwageng o o fetileng go fitlha mo nakong eno.
O ne a supa fa bogodu jwa leruo bo gakadiwa ke barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone ka go tshwaa, go tshuba le go le rwesa manyena le gone go tlhoka go etela meraka ya bone kgapetsa-kgapetsa ka gantsi ba baya morwalo fela mo badiseng. Superintendent Tlhapi-David o ne a gwetlha morafe wa Maubelo go tshwaragana le mapodisi go fokotsa borukutlhi kwa motseng oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : MAUBELO
Event : Phuthego
Date : 25 Oct 2023