Breaking News

Kgosi Malope o bolotsa letsema

12 Oct 2023

Go sala morago dikgakololo tsa balemisi le go kgaoganya temo le thuo ke dingwe tse di ka thusang balemi go bona thobo e ntle.

Fa a bua kwa pitsong ya go bolotsa letsema Kgosikgolo ya Bangwaketse Kgosi Malope o kopile balemi ba kgaolo ya GaNgwaketse  go dirisanya le ba ofisi ya bolemisi le go sala ditaelo tsa bone morago gore temo ya bone e atlege.

O kopile balemi gore ba seka ba lema kwa mafelong a mahudiso go itsa kgotlhakgotlhano le barui, a bo a ba gwetlha  go agelela masimo a bone ka diterata tse di nonofileng go thibela tshenyo ya diruiwa.   O ne a tswelela ka go tlhalosa fa manyalo le ditsheko tsa tetlanyo di tlaa a emisiwa ka kgwedi ya Morule e supa, a tlhalosa fa se se tlaa fa balemi nako ya go tlhagola le tlhokomela masimo a bone.

Kgosi Malope o ne a lebogela morafe go bo o tlhomamisitse gore ipelelo dikgafela ya monongwaga e a atlega mme a rotloetsa gore go simololwe go baakanyetsa tsa ngwaga o o tlang.  Mo go tse dingwe kgosi o kaile fa a tshwenyegile thata ka ditsheko tsa boswa tse di ileng magoletsa thata mme ka jalo a kopa ba malwapa go itshekatsheka le go dirisana sentle go fokotsa dintwa le ditsheko.  Fa a tswa la gagwe mogolwane go tswa kwa ofising ya balemisi Rre Kgololo Kesekang a re gore temo e atlege balemi ba tshwanetse go dira se se tshwanetseng le go sala ditaelo tsa bone morago. 

O kopile balemi go nna teng ka nako tsotlhe fa boraterekere ba ba thusa gore ba kgone go nna le seabe mo go se se dirwang le go bona gore a ba thusiwa sentle.

Rre Kesekang o supile fa diji le malwetsi di le dintsi e bile di tla ka go farologana mme ka jalo a kopa balemi go begela ba ofisi ya gagwe fa ba di itemogela gore ba tle ba fiwe thuso e e maleba. 

O rotloeditse balemi go pitikolola mmu le go o tlhatlhoba ka go le botlhokwa fela thata mo temong. 

A re balemi ba tshwanetse gape ba boela kwa setswaneng sa go ipeela peo gore letsema le le latelang ba seka ba sokola, e bile a supa fa peo eo ba ka e rekisetsa morafe fa bangwe ba e tlhoka.

Bangwe ba bagolo ba kgaolo ba ba neng ba tsene pitso eo ya go bolotsa letsema ba akaretsa Tona wa Botsogo Dr Edwin Dikoloti le mopalamente wa Kanye Bokone Rre Thapelo Letsholo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : KANYE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 Oct 2023