Lefatshe le tsibogela molafo
04 Oct 2023
Beng ba dintsa le dikatse ba kgothaditswe go di kenta go sireletsa bana kgatlhanong le bolwetsi jwa molafo ka ditshekatsheko di supa fa e le bone ba amegang ka ba na le kamano e ntsi le tsone.
Mothusa mokwaledi mo lephateng la Temo Thuo mo lekalaneng la Arable Farming, Rre Joshua Moloi o ntshitse kgakololo e ka letsatsi la mafatshefatshe la bolwetsi jwa molafo le le neng le tshwaretswe kwa Tsabong ka Labone.
A re go botlhokwa gore setshaba se tseye boikarabelo jwa go lwantsha bolwetsi jwa molafo ka bo le borai fela thata.
Rre Moloi a re dipatlisiso di supa fa bolwetsi jwa molafo bo setse bo bolaile batho ba feta 59 000 lefatshe ka bophara.a
O tlhalositse fa dikgang tse di gatisitsweng tsa molafo monongwaga mo Botswana di le masome a mane mme mo go tsone dipalo tsa dintsa di kwa godimo go na le dikatse e bile gape bolwetsi jo bo anamela mo dipoding ka gantsi barui ba dirisa dintsa go disa.
A re makgotla a mafatshefatshe a a tsayang karolo mo go lwantsheng le go netefatsa gore bolwetsi jo bo a lwantshiwa le go laolesega a akaretsa United Against Rabbies le la World Health Organization.
Rre Moloi o rotloeditse gore makalana a mangwe a eme ka dinao go lwantsha bolwetsi, a tlhalosa fa puso e thusa ka lekalana la Botswana Public Health Institute le le lalolang botsogo jwa setshaba go lebilwe malwetsi a tshwana le molafo gammogo le melemo e e fiwang Batswana mo dikokelong ka go farologana.
Rre Moloi o lebogile lephata la Temo-Thuo le makalana a mangwe go bo ba dira ka gotlhe go tlhomamisa gore Batswana ba a sireletsega mo bolwetsing joo, a supa fa seo se tsamaelena le thata le maitlamo a go netefatsa gore ga gona Motswana ope yo o amiwang ke bolwetsi jwa molafo mo ngwageng wa 2030.
A re go thusa go fokotsaa kanamo ya bolwetsi, ba lephata la matlhoko a leruo kwa Tsabong ba setse ba dirile loaro lwa mahala la dintsa le dikatse di le masome a mane mo metseng e e farologaneng kwa kgaolong eo kgwedi ya Lwetsi pele ga letsatsi la go ipelela letsatsi la molafo.
O boletse fa go le botlhokwa go ipabalela mo go jone ka go kenta dintsa le dikatse go fokotsa kgonagalo ya bolwetsi jwa molafo go tsena mo bathong, loruo le diphologolo tsa naga ka dipalo di supa fa di gomagometsa kwelo tlase ya itsholelo fa bo sa tsibogelwe.
Rre Moloi o supile fa go le botlhokwa gore lephata la matlhoko a leruo le tshwaragane le makgotla a mafatshefatshe a a ikemetseng le mono gae a akaretsa la Botswana Vaccine Institute le a mangwe, go bo lwantsha go fitlhelela maitlamo a bone a gore ka 2030 go bo go sena dintsho dipe tse di bakwang ke bolwetsi joo.
O rotloeditse dikgwebo tse di gwebang ka dijo go tlhokomela ka fa ba tshwarang le go latlha dijo ka teng mo madirelo ka di oka dikatse le dintsa tse di sa tlhokomelweng.
Motshwarelela mookamedi wa lephata la Temo-Thuo, Rre Kobedi Segale o ne a supa fa mokento e le o ne konokono go laola bolwetsi mme a kopa barui ba dintsa le dikatse go di sireletsa ka nako tsotlhe. Rre Segale o ne a tlhalosa fa dikai tsa bolwetsi joo di akaretsa go nna bogale ga seruiwa se e leng gore go le pele se ne se le bonolo, go tlhasela ka tsela e e sa laolesegeng gareng ga tse dingwe mme ebile segolo bogolo bo tshabelela bana ka ba tshameka le tsone, dintsa, dihutshane le dikgomo le diphologolo tsa naga.
Moeteledipele go tswa BVI, Rre Andrew Madeswi a re ba na le dingwaga tse di fetang masome a matlhano ba le teng mme maikaleleo ke go dira melemo e e farologaneng, gareng ga yone e akaretsa bolwetsi jwa tlhako le molomo, serotswana, kwatsi mme wa molafo o ne ba santse ba o tsaya kwa matsheng a mangwe.
Rre Madeswi o supile fa botsogo jwa loruo bo tla pele go sireletswa ka go na le kgonagalo e e kwa godimo ya gore di fetisetse bolwetsi mo diphologolong le kwa bathong fa di amana le bone ka ditsela tse di farologaneng e leng go latswa ntho, go suna go supa lorato le gone go loma.
O boletse fa ba setse ba dirile melemo e feta 3.6 million, go thusa go kenta leruo mme sebe sa phiri e le barui ba ba leng maoto a tshupa go kenta diruiwa. A re ba dirisanya le lephata la Temo-Thuo ka go ba thusa ka madi go isa thuto kwa setshabeng ka mefuta e e farologanyeng le gone go dirisa bana ba dikole ka dikgaisano mabapi le bolwetsi joo.
Moeteledipele go tswa mo mokgatlhong wa Botswana Society for the Prevention of Cruelty of Animals Rre Keneth Ditshweu o boletse fa maikaelelo a bone e le go thibela kgokgontso mo leruong, diphologolo le digagabi, go rutuntsha barui ka tlhokomelo ya tsone.
Rre Ditshweu o tlhalositswe gore fela jaaka batho diphologolo le tsone di amiwa ke kgokgontso ka jalo a supa fa gape ba na le lefelo le ba tlhokomelelang dintsa le dikatse teng tse di sailang mo mebileng di itlhokomolesitswe ke beng, go fokotsa kanamo ya molafo ka go di neela tlhokomelo e e haphegileng go akarediwa le go kenta ka fa go tshwanetseng ka teng.
O ne a kgothatsa barui ba dintsa le setshaba ka kakaretso go chencha ka go tlhokomelang dintsa ka fa go tshwanetseng ka teng mme ba itse seo e le kgokgontso lefa ba sa di fiwe dijo le metsi go betswa le gone go di ikgatholosa mme di na le mosola mo go bone. Setlhogo sa letsatsi e ne e le “Botsogo jwa rona botsogo jwa mongwe ka rona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Letsatsi la mafatshefatshe la bolwetsi jwa molafo
Date : 04 Oct 2023