Kgosi Kgatlane o beilwe semmuso
03 Oct 2023
Bogosi bona le tiro e ntsi ya go sireletsa le go boloka matlotlo a ngwao ya Setswana.
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Thapelo Letsholo o buile seo fa a ntsha lefoko la kgothatso ka nako ya go ipelela peo semmuso ya ga Kgosi Kgabosebele Kgatlane wa kgotla ya Kebuang bosheng.
Kgosi Kgatlane o ne a bewa semmuso mo setilong, morago ga go tlhomamisiwa mo bogosing jwa kgotla eo ka 2012.
Rre Letsholo o ne a gakolola kgosi go dira ka natla go aga kgotla le motse, a dira jalo ka fa tlase ga boeteledipele le tsamaiso ya ga Kgosikgolo ya Bangwaketsi, Kgosi Malope II.
“Ke kopa gore o dire tsotlhe tse di mo tseleng ya tsamaiso le boeteledipele jwa ga Kgosi Malope II, ka go tlotlomatsa ngwao ya setswana le go busetsa serodumo sa mophato le dithulaganyo tse dingwe tsa setso,” ga rialo Rre Letsholo.
A re o lemogile fa motse ka kakaretso o godile, e bile o le bophara, ka jalo go tlhokafala gore go sekasekiwe gore a go ka okediwa dikgosana.
“Ke tlaa dira thulaganyo gore ke buisanye le Kgosi Malope gore go sekasekwe ntlha e,” a bua jalo.
Mopalamente Letsholo a re se seka thusa go fokotsa bontsi jwa ditsheko tse gantsi di tsayang lobaka go rarabololwa, ka ntlha ya gore di fekeetsa magosana.
O ne a tlatsa ka gore seo se ka thusa gore di sekasekiwe ka bofefo, pele ga bangongoregi ba kopa thuso kwa kgotla kgolo.
Fa a laa Kgosi Kgatlane, Kgosi wa Molapowabojang, Kgosi Kedirile Letshabo o gakolotse kgosi go dirisanya le morafe wa gagwe sentle, a supa fa seo seka mo thusa go kgona go dira tiro ya gagwe ka botlalo.
“Tiro ya Kgosi ke go letlanya morafe gore go nne le kagiso, ka jalo o seka wa tsaya letlhakore fa o letlanya morafhe wa gago,” ga bua Kgosi Letshabo.
O tsweletse a gakolola Kgosi Kgatlane gore a seka a tsaya ope ka letsogo la molema, a tlatsa ka gore o tshwanetse go tsaya morafe wa gagwe ka tekatekano, gammogo le ba letso le sele.
Kgosi Letshabo o supile fa tiro e a e neetsweng ya go laa e le motlhofo ka ntlha ya go bo Kgosi Kgatlane a na le dingwaga di le lesome le bongwe a dira tiro ya bogosi, ka jalo a mo lebogela go bo a ntse a tshwere ka natla go lwantsa maitsholo a a sa siamang mo kgotleng ya gagwe, jaaka bojalwa jo bo sa letlelelweng le botlhoka tsebe.
O kopile Kgosi Kgatlane go dira ka natla go sireletsa morafe kgatlhanong le borukutlhi.
Fa a tlhalosa moono wa letsatsi, Mokhanselara wa pele, Mme Kopano Paseka o supile fa Kgosi Kgatlane a beilwe mo setilong ka 2012, jalo tiro ya letsatsi e le peo semmuso mo setilong sa gagwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : KANYE
Event : Peo semmuso ya ga Kgosi
Date : 03 Oct 2023