Breaking News

Baoki ba Malatswae ba lela ka tlhaelo ya dikota

03 Oct 2023

Baoki ba kokelwana ya Malatswae kwa Serowe Bophirima ba boleletse Mothusa Tona ya botsogo, Rre Sethomo Lelatisitswe fa bontsi jwa bana ba motse oo ba gateletswe ke mmopamo.

Ba boletse fa baoki ba lekile go fa bana dijo go apaya mme se se sa thuse ka bokete jwa mebele ya bone e le kwa tlase fela thata.

Baoki ba buile se mo phuthegong ya kgotla ka Labone, e e neng e buisiwa ke Rre Lelatisitswe, go ba lekodisa ka seemo sa botsogo mo lephateng, le go utlwa gore bone ba tsoga jang.

Mogolwane mo kokelwaneng ya Malatswae, Rre Tshokolo Moitaly, o boleletse mothusa tona gore le fa batsadi ba fiwa dijo go apeela bana, ba belaela fa bangwe basa dire jalo, ntateng ya go diiwa ke go nwa bojalwa.

Rre Moitaly o supile fa nako tsotlhe ba fitlhela batsadi ba bana ba le kwa marekisetsong a bojalwa ba sena sepe le go jesa le go tlhapisa bana. A re o fitlhela ba itshietse mo ba palalelwang ke go apaya.

A re bangwe ba ba rontsha go bona bongaka le go ya sekoleng ba ba baya kwa merakeng le kwa dipolaseng.

Rre Moitaly o boletse fa kokelwana ya bone e tlhaelelwa fela thata ke didirisiwa tsa botsogo bogolo jang fa ba etetse kwa dipolaseng tsa Sandveld kwa bontsi jwa banni ba Malatswae ba berekelang teng.

A re dikoloi tse di yang kwa dipolaseng go thusa ba ba kwa merakeng le dipolase di a tlhaela e bile gape go se na moabi wa melemo, a tla fela gangwe mo bekeng.

Mogokgo wa sekole se se botlana sa Malatswae, Mme Tebogo Rapuleng a re bana ba tlhoka botsogo jo bo siameng mme batsadi ga ba na sepe le thuto ya bana ba bone ba beile fela mo go nweng bojalwa.

O kopile bogogi jwa motse go thusa go laola go nwa bojalwa phetelela mme ba tshwaraganele kgodiso ya bana .

Mme Rapuleng a re thuto e simologa kwa malwapeng e dirwa ke batsadi. A re ba Malatswae ba beile tlhokomelo ya bana mo barutabaneng fela mme a lebogela ba kokelwana gore ba tlhola bana ba sekole ba bo ba ba kente ka nako ebile ba rotloetsa itshidilo mmele.

E ne erile go le pele Kgosi Dikabelo Bosigo a bolelela mothusa tona fa go tlhaela ga dipilisi le melemo go sa ba jese diwelang. O boletse fa baabi ba melemo ba tsaya lobaka go aba melemo.

Kgosi Bosigo a re baoki ba tlhaelelwa ke dikoloi tse di nonofileng go ralala metlhaba ya kwa dipolaseng tse di dikologileng motse go latela  balwetse .

O boletse fa baimana ba ba gaufi le go tshola ba tsena mo diphatseng ba letile dikoloi go ba thusa go tswa kwa dipolaseng go ya kokelong mo bangwe ba tsholelang kwa malwapeng.

Bontsi jwa banni ba ngongoregetse tlhaelo ya melemo, boroko jwa baoki, makgasa a dikokelo le tlhaelo ya dikoloi.

Fa a tsibogela matshwenyego a banni, Rre Lelatisitswe o boletse  fa puso e tlaa simolola lenaneo la go fa bana ba ba tlhaelelwang ke dikotla dijo kwa dikoleng gore ba seka ba motiwa ke mmopamo, go simolola kgwedi ee tlang.

O kgadile batsadi ba ba itlhokomolosang bana ba beile fela mo go nweng bojalwa ba lesa bana ka tlala le mororo ba booki ba ba neela dijo.
Mothusa tona o boletse fa bojalwa bo sena mathata, mathata e le badirisi ba jone. O rotloediste bommasepoto go gana go rekisetsa ba ba noleng thata, ba ba imileng le bana.

O kopile bogogi jwa motse go dira dikomiti tse di ka laolang go nowa ga bojalwa ke batsadi ba Malatswae gore batsadi ba godise bana ka fa go siameng.

Rre Lelatisitswe o ba boleletse gore seemo sa melemo se tokafetse gompieno ka gore dikhamphani tse di dirang melemo jaanong di a ba rekisetsa. O boletse fa Tautona Dr

Mokgweetsi Masisi  le ene a tsamaya le mafatshe a ngoka bagwebi go tla mo Botswana go tla go dira melemo.

A re ka nako ya COVID-19, lephata la botsogo le ne la kgaogelwa ke mpeechane go laola bolwetse le kiletso mesepele le go fa mekento mme ka nako eo, dikoloi tsa bone di ne tsa robega ka bontsi le baoki ba bereka phetelela.

Mothusatona o boletse fa jaanong ba na le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya baabi ba melemo mo dipateleng le mo dikokelong.

A re lephata le rebotse gore baoki ba ka aba dipilisi mme ga gana lekgotla la babereki la baoki mo ba isitseng kgang kwa kgotlatshekelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MALATSWAE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 03 Oct 2023