Breaking News

Ba Tshokwe ba kgothadiwa go dirisa mananeo

03 Oct 2023

Banni ba motse wa Tshokwe ba kgothaditswe go dirisa mananeo a puso gore ba kgone go tswa mo kgatelelong ya lehuma.

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla o ne a ntsha kgothatso e mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng wa Tshokwe bosheng.

Mme Monnakgotla, e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, o ne a buisa phuthego ya kgotla e le bontlha bongwe jwa lenaneo la go lekola batho ba metse e e kgakala le ditlamelo.

A re go le gantsi batho ba ba kgakala le ditlamelo ba nna ka fa mosing ka bontsi jwa mananeo a sa goroge kwa go bone ka nako.

O boletse fa mananeo a tshwana le go jesa bana, go roka paka ya sekole le go phakisa dijo tsa batlhoki e le ditiro tse di tshwanetseng go dirwa ke banni ba Tshokwe go na le gore di dirwe ke batho ba ba tswang kwa mafelong a sele.

A re ke boikarabelo jwa badirelapuso go tlhomamisa gore batho ba akola mananeo a puso ka fa go tshwanetseng ka se se ka tokafatsa matshelo a bone. O ne a supa fa ba tshwanetse go tshwenngwa ke dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba ba tsayang mananeo.

Mme Monnakgotla o ne a tlhalosa fa lenaneo le le itebagantseng le go batlela banana ba metse e e kgakala le ditlamelo, ditiro le dikole le tsweletse sentle ka jaana bontsi jwa bone bo akaretsa le ba Tshokwe ba kgonne go di bona.

A re bangwe ba ne ba seka ba kgona go atlega ka mabaka a botsogo jo bo bakiwang ke dinotagi le go goga motsoko, mme a rotloetsa batsadi go fokotsa go titiela majalwa ka a le borai mo matshelong a batho.

Mme Monnakgotla a re go le gantsi tiriso ya nnotagi botlhaswa e nna le botlhoka tsebe jo bo kwa godimo, dikgokgontsho le go salela kwa morago mo go tsa ditlhabololo.

Mo go tse dingwe, Mme Monnakgotla o ne a tlhalosa fa puso e tshwentswe thata ke ditlhalano le dipolaano tsa baratani tse di tsweletseng ka go golela pele.

A re dikgang tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana le tsone ke nngwe ya tse di sa robatseng bogogi, mme a rotloetsa batho go dirisa lenaneo la Re A Nyalana ka le sena ditshenyegelo dipe go itsa dikgang tse o fitlhelang go lwelwa dithoto morago ga yo mongwe a sena go tlhokafala.

O boletse fa puso e eme nokeng thata lenaneo leo ka batho ba le 6 800 ba setse ba tsene mo go lone mme go sena tlhalano epe e e kileng ya diragala.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Olebogeng Pelotona wa Tshokwe o ne a tlhalosa fa motse wa gagwe e le mongwe wa e e kgakala le ditlamelo mme o le sekgele sa masome mabedi go tswa kwa molelwaneng wa lefatshe la Zimbabwe.

Kgosi Pelotona a re se se dira gore go nne motlhofo gore leruo le tlolele ka kwa baagisaneng mme e le jaaka le tsamaetse ruri.

A re batho ba Tshokwe e setse e le bahumanegi ka lebaka la bogodu jo bo diragalang kwa motseng oo, a tlatsa ka gore ba itshetsa ka temo mme ga e ba sologele molemo ka lebaka la ditlou.

A re fa ba ne ba kgona go bona dipoelo mo leruong le mo temong ya bone dipalo tsa batho ba ba berekang Ipelegeng di ne di ka fokotsega.

O ne a lebogela puso go bo e tsweletse ka go ba isetsa ditlhabololo kwa motseng wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : TSHOKWE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 03 Oct 2023