Bomme ba Roma ba rapelela bogogi jwa Ramotswa
03 Oct 2023
Kopano ya Bomme Ba Ga Anna Yoo Boitshepo mo kerekeng ya Roma ba ne ba kokoana kwa kgotleng ya Balete go rapelela bogogi jwa motse wa Ramotswa.
Bommme ba, ba re go isa dithapelo tse go latela go itemogela gore morago ga segajaja sa COVID-19, dikgwetlho di tshwana le borukutlhi, tiriso ya diritibatsi, boitsholo jo bo sa jeseng di welang di tsere phekelo e sele mo motseng wa Ramotswa le lefatshe ka bophara.
Fa a bua kwa bokopanong joo, Kgosi Kgolo ya Balete, Kgosi Mosadi Seboko, a re boitsholo le go sa kgalemelesegeng ga bana mo motseng ke nngwe ya dilo tse di tsisang dikgwetlho le letlhoko mo motseng wa gagwe.
A re gore ba kgone go ritibatsa seemo se se leng teng mo motseng, ke fa mongwe le mongwe a ka ikitaya ka thupana go nna bontlha bongwe jwa botlhe ba ba tsentseng letsogo go aga boitshwaro ja bana mo motseng.
Kgosi Mosadi o rotloeditse dikereke go tsenya letsogo ka mowa wa neelano gore ba thuse go lwantsha makoa otlhe a a leng teng mo motseng wa Ramotswa le lefatshe ka bophara.
“Ka mowa wa neelano re ka kgona ra thusana go aga boitsholo jwa bana ba rona mo setshabeng,” Kgosi Mosadi o kopile jalo.
Kgosi Mosadi o akgoletse bomme ba Kopano Ya Ga Anna Yo Boitshepo go bo ba sa ipona tsapa go kokoana go rapedisa matlhoko le tsotlhe tse di bosula mo motseng. “Ko ntle ga thapelo, kitso ya rona e le nosi e ka se fitlhelele go fokotsa manokonoko a dikgwetlho tse baeteledipele le setshaba ba lebaganeng le tsone,” o tsweletse a tlhalosa.
Mothusa modulasetilo wa Kopana Ya Bomme Ba Ga Anna Yo Boitshepo, Mme Josephine Rantao, o rotloeditse maphata ka go farologana go fa bomme tshono ya go tsenya letsogo mo go tsotlhe tse di amang matshelo a batho mo lefatsheng.
A re bomme ke batho ba ba tlhaga ka jalo ba letlelelwe go tsenya letsogo mo go tsotlhe tse di tlhokang kgakololo le lentswe la bomme. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Itumeleng Naane
Location : RAMOTSWA
Event : Bokopano
Date : 03 Oct 2023




