Breaking News

Mothusa Tautona o thusa sekole sa Masunga

03 Oct 2023

Mothusa Tautona  Slumber Tsogwane o etetse sekole se segolwane sa Masunga Senior Secondary School go gomotsa baithuti ba matlo a bone a borobalo a neng a jewa ke molelo kgwedi ya Lwetse etlhola malatsi a mabedi.

Fa a bua le baithuti  le batsadi, Rre Tsogwane o  tlhalositse fa dithuso tsa bopelonomi tse a di abileng di akaretsang materase a le masome a mabedi le botlhano, dikobo, dibeke, dikhanfotara, mesamo le tse dingwe.

Mothusa Tautona o ne a kopa baithuti go tsaya seo e le sekao sa go nna kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe fa ba wetswe ke seru.

O ne a tlhalosetsa baithuti gore bopelotlhomogi le kutlwelo botlhoko di botlhokwa mo nakong tsa tiragalo e tshwana le go shwelwa  ke dithoto ka molelo, a re go matshwanedi go bona tomagano ya setshaba go tswa batswa setlhabelo mokgosi.

A re go tlhaloganya maikutlo a baithuti ba bangwe go kgona go aga botsalano le go bopa kagisano mmogo ya sennela ruri le ka nako ya go na le mathata.

“Kutlwelobotlhoko ga se kitso e motho a ka e elang sekoleng kgotsa a e rutwa ke mongwe,” Rre Tsogwane a tlhalosa.

Mothusa Tautona o ne rotloetsa bana ba sekole go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo gore ba kgone go bona dipoelo tsa dithuto tsa bone, ka se se ka supa se ba yang go nna sone mo botshelong.

E rile fa a amogela baeng, Mogokgo wa sekole, Rre Jabulani Munyere a tlhalosa gore sekole se santse se emetse pego ya se se bakileng molelo le gore ditshenyegelo di ka lopa bokae.

O tlhalositse fa sekole seo se butswe ka ngwaga wa 1995, ka baithuti ba le sekete le makgolo a mabedi (1 200), mme mo bogompienong sena le baithuti ba le sekete le makgolo a matlhano le masome a mabedi le boraro (1 523).

“Le fa palo ya baithuti, barutabana le badiredi e oketsega, ditlamelo tse dingwe jaaka matlo a borobalo le a boithutelo ga di  a oketsege, mme se se bo se ka baka gore ditlamelo tse dingwe di imelwe,” ga tlhalosa mogokgo.

A re ka jaana baithuti ba le gaufi le go kwala ditlhatlhobo, a re go botlhokwa gore baeteledipele ba bo ba etetse sekole go tla go ba gomotsa le go ba kgothatsa.

Rre Munyere a  re ba ne ba simolola go itebaganya le maikaelelo a bone ka go itlhokomolosa seru se se ba wetseng, a tlatsa ka gore le baithuti ba boetse mo seemong sa bone mme ba solofetsa go fenya ditlhatlhobo ka maduo a a kwa godimo jaaka sekole seo se itsege.

Baithuti ba e leng baemedi ba bana ba sekole, Junior Chopiro le Samantha Sonny ba ne ba lebogela Mothusa Tautona go bo a ne a otlolola seatla sa bopelotlhomogi go ba thusa ka nako e ba neng ba wetswe ke seru.

Ba lebogetse puso dithuso tseo, ba re se ke sesupo sa gore puso e dira gore sekole e nne lefelo le le bobebe go nna mo go sone.

Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Simon Moabi o lebogetse loeto lwa ga Mothusa Tautona Rre Tsogwane le e leng la bobedi mo kgweding e le nngwe.

Rre Moabi o rotloeditse bana ba sekole go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo le go reetsa barutabana le batsadi gore maduo a bone a tle a tokafale. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : MASUNGA

Event : Ketelo ya Sekole

Date : 03 Oct 2023