Breaking News

Mapodisi a Bokspits a tlhotlhomisa polao

02 Oct 2023

Mapodisi a Bokspits a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro a tlhabilweng ka sengwe se se bogale mme a tlhokafala kwa motseng wa Rapplespan mo Kgaolong ya Tsabong.
 
Go ya ka motshwarelela mookamela mapodisi a Bokspits, Assistant Superintendent Paul Bimbo mo potsolosong le BOPA bosheng, a re tiragalo e diragetse Lwetse a le masome a mabedi le boraro kwa motseng wa Rapplespan kwa lwapeng lengwe kwa ba neng ba itisitse teng morago ga dibara di sena go tswalwa.
 
Assistant Superintendent Bimbo o ne a tlhalosa fa mapodisi ba ne ba begelwa tiragalo eo mme ba ragogela teng ba feta ba ragosetsa monna yoo kwa kokelwaneng ya Rapplesapan mme a romelwa kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a setse a tlhokafetse.
 
O boletse fa mo nakong ya gompieno serepa sa moswi se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Tsabong mme se tla romelwa kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka.
 
Assistant Superintendent Bimbo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mmelaelwa wa dingwaga tse di masome a babedi le bosupa a sa ntse a le mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo eo.
 
O boletse fa e tla a re morago mmelaelwa a isiwe fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato a ka atlholelwa loso kana botshelo jotlhe mo kgolegelong go lebeletswe mabaka.
 
Motshwarelela mookamela mapodisi a Bokspits o boletse fa mapodisi e sale ba gatisitse kgetsi ya mofuta oo ka ngwaga wa 2010 mme e le ya ntlha mo ngwageng ono.
 
Assistant Superintendent Bimbo o ne a tlatsa ka go gakolola bogolo jang banana le setshaba ka kakaretso go kopa dithuso mo go ba ba lebaneng ba akaretsa dikgosi, mapodisi, ba boipelego, baruti batsadi le ditsala tsa bone fa ba na le dikgotlhang go rarabolola dikgang tsa bone ka molemo wa kgang e le go buiwa go na le go itseela ditshwetso tse di seng maleba.
BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : RAPPLESAPAN

Event : potsoloso

Date : 02 Oct 2023