Breaking News

Ba Parakarungu ba ipelela boipuso

01 Oct 2023

Banni ba Parakarungu le mopalalamente wa bone, Rre Machana Shamukuni ba ne ba iketleeleditse kwa kgotleng moso wa Matlhatso, go ipelela letsatsi la boipuso.
Bagolo le bana ba ne ba ntse moriti mmogo, go opelwa go bo go binwa, morago ba kgaogana dijo tsa motshegare.
Rre Shamukuni, yo gape e leng tona wa molao, o supile botlhokwa jwa go akaretsa bagodi mo medirong ya mofuta o.
O gateletse mafoko a ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi mo molaetseng wa gagwe wa boipuso gore, mabutswa pele a tlhagotse tsela gore Botswana e bo e le lefatshe la kagiso ka jalo, Batswana ba seka ba lebala kwa ba go tswang ka motlhala o o na le bokao.
Rre Shamukuni o ne a abela bagodi dikobo a re se, ke sekao sa go lemoga seabe sa bo ne mo go somareleng ditso le go amogana dikitso.
Banni ba motse ba ba tshotsweng ka 1966 le bo ne ba ne ba abelwa dikobo.
Fa a kgothatsa morafe, Moruti Louis Chika le ene a gatelela molaetsa wa ga Tautona go kgala kgokgontsho ya bomme a re, go ngomola pelo gore le fa jaaka Botswana a ipelela dingwaga tse di masome matlhano le bosupa a ipusa, bomme ba tshelela mo letshogong ka ntlha ya kgokgontsho.
A re puisano ke pinagare ya lelwapa kana botsalano bope fela mme a rotloeditsa setshaba go ithuta go bua ka maikutlo a bo ne, segolo jang borre gore ba kgone go bona thuso fa go tlhokega.
Moruti Chika o kopile malwapa gore a nne le kagiso ka se se ka thusa go aga tshaba e e nang le maikarabelo ebile e boifa Modimo.
“Ke kopa re fetoleng maitshwaro le dikakanyo tsa rona re emise go kgokgontsha bomme ka go bo maitshwaro a borre bangwe a tlhabisa ditlhong ka go tshedisa bomme mo poifong ebile ba senya leina le lentle la Botswana,” Moruti Chika a kgalema.
Mongwe wa ba ba tshotsweng ka 1966, Rre Alec Nawala a re letsatsi la Boipuso le na le sekao mo botshelong jwa gagwe ka le mo fa seriti go bo a lekana le Botswana.
Rre Nawala o tlhalositse fa letsatsi la Boipuso le le botlhokwa ebile le na le ditso mme a kgothatsa Batswana go tswelela ba ipela.
A re o itumelela go bona kgolo ya Botswana, segolo bogolo ditlhabololo di tshwana le dikole le ditsela a re se, se gwetlha Motswana mongwe le mongwe go ipela.
Kgosi Johane Chika wa Parakarungu e ne o supile fa Botswana e le lefatshe la kagiso mme go le botlhokwa go somarela kagiso e.
A re letsatsi la Boipuso le fa Batswana sebaka sa go leba kwa morago, go itumelela tse ba di fitlheletseng le go ithuta le go baakanya tse di sa kgonagalang. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : PARAKARUNGU

Event : independence celebrations

Date : 01 Oct 2023