Breaking News

Kgosi o gwetlha mowa wa boithaopo le tshwarago

01 Oct 2023

 Banni ba Gumare ba gwetlhilwe go tsosolosa mowa wa boithaopo le tshwaragano.

Se se builwe ke kgosi Moitshepi Molelwa wa Gumare ka letsatsi la go ipelela boipuso.

Kgosi Molelwa o tlhalositse fa sekolo se segolwane sa Okavango se agilwe ka boithaopo ka banni ba metse ya Okavango ba ne ba ntsha dikgomo gore se agiwe ka se ne se amogela bana go tswa le kwa mafelong a mangwe jaaka Shakawe.

A re maloko a bogologolo a komiti ya ditlhabololo tsa motse ba nako eo ba ne ba ithaopa ba thusa bana ba ba neng ba tswa kgakala ka boroko.

Kgosi Molelwa o ne gape a tlhalosa fa boipuso e le letsatsi le le botlhokwa mo ditsong tsa Botswana e bile a re lefatshe leno ke la kagiso ka le ise le nne le dintwa le dikgoberego mo dingwageng tse di fetileng tse di masome a matlhano le bosupa.

A re lefatshe la Botswana le segofetse ka gore babusi ba lone ba nna ba hetoga go le kagiso.

Le fa gontse jalo Kgosi Molelwa o ne a re ga a itumelele dipalo tsa morafe o o tsileng go ipelela letsatsi leo ka di le kwa tlase bogolo jang tsa banana.

Fa a fa malebo, mokhanselara o itlhophetsweng Mme Keokeditswe Rangosa o ne a re molaetsa wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa letsatsi leo o supa popagano le lorato.

Mme Rangosa o ne a gakolola banni ba Gumare go boela kwa dinakong tsa bogologo tse ne batho ba ipelela boipuso ka dipalo tse di kwa godimo le boitumelo.

Le fa go ntse jalo Mme Rangosa o ne a re go na le diphetogo tse di molemo mo lefatsheng leno ka bomme mo malatsing a gompoeno ba ipelega ba dira dikgwebo potlana ebile Batswana ka kakaretso ba tsaya karolo mo ditirong tse ditona jaaka ditsela le dikago tse di neng di dirwa ke batho ba mafatshe a sele go le pele.

Mme Rangosa o ne a gwetlha banni ba Gumare gore ba tshwanetse go ema baeteledipele ba motse wa bone nokeng gore go nne le diphetogo.

Molaetsa wa ga Tautona o ne wa balwa ke motshwarelela mothusa molaodi wa kgaolo ya Okavango Mme Tumelo Chibua. Bokhutlo.

 

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Independence celebrations

Date : 01 Oct 2023