Ba itumelela go sielwa metsi
28 Sep 2023
Banni ba metse ya Mokgware le Radisele ba itumelela phatlalatso ya metsi e mo nakong eno e tsweletseng pele ka jaana e tlaa ba ntsha mo lenyoreng le le ntseng le ba apere.
Banni ba ne ba ntsha maikutlo a bone mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi bosheng, ba supa fa ba leboga puso go bo e ne ya reetsa selelo sa bone.
Ba ne ba supa fa ba na le tsholofelo ya gore e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo ba bone metsi mo metseng ya bone.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Shatani Mmereki wa Radisele o ne a supa fa a tshwenngwa ke batho ba ba phunyang diphaephe tsa metsi.
A re batho bao, ba phunya diphaephe go nosa leruo, mme sba busetsa ditlhabololo kwa morago.
O ne a kopa banni go tsibosa mapodisi ka ditiragalo tseo fa ba itse ba ba phunyang diphaephe.
Kgosi Mmereki o ne gape a supa fa kokelwana ya motse e le nnye ka jalo e tlhoka go atolosiwa.
Mo go tse dingwe, o ne a supa fa a sa jesiwe diwelang ke modumo o o dirwang ke mafelo a dinotagi mo motseng.
A re modumo oo o montsi thata mo ba lalang ba sa robala ka mafelo ao a tswala mo mosong.
O ne a kopa ba ba itebagantseng le melao ya tsa theko le thekiso ya nnotagi go ba thusa seemo seo.
Kgosi Mmereki o ne gape a kopa gore ba okelediwe palo ya mapodisi mo motseng, a supa fa mapodisi a sa dire tiro ya one sentle ka jaana ba a tlhaela e bile ga ba na koloi.
A re dikgang tse dingwe di felela di sa tsibogelwe kana di isiwa kwa mapodising mme di bo di felela di sa fiwe nako e e tshwanetseng.
O ne a kopa ba lephata la matlhoko a leruo go isa dikgang ka nako kwa morafeng.
A re mo dinakong tse dingwe morafe o felela o utlwa dikgang tse di amang leruo la bone nako e setse e ile mme ba ne ba ka di tsibogela nako e le teng.
A re dikgang di tshwana le go kentwa ga dikgomo di tshwanetse tsa tsibogelwa ke morafe.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mokgware, Rre Molatedi Motlhagodi o ne a kopa puso go tshela sekontere mo tseleng ya Mogome-Mokgware, a supa fa e se mo seemong se se siameng.
A re tsela eo e dikhuti e bile ka dinako tsa dipula ga e tsamaege.
O supile fa go le lobaka ba ntse ba kopa gore tsela eo e tlhabololwe mme nako kgolo ke eno.
Le fa go ntse jalo, Rre Motlhagodi o ne a lebogela phiro ya bana ba motse oo ba le masome mabedi mo lenaneong la phatlalatso ya metsi le le tsweletseng.
A re seo ke kgatelopele ka dipalo tsa ba ba ikopelang tiro kwa Ipelegeng e fokotsegile.
Mongwe wa banni ba Radisele, Rre Mojaboswa Jabeng o ne a kopa ba lephata la Temothuo go ba itsese ka lenaneo le ba saleng ba le utlwalela, a supa fa nako e ile ya go lema.
A re mo nakong eno, balemi ba tshwanetse ba ka bo ba setse ba le mo lenaneong la go phaka dipeo.
Fa a akgela, Mopalamente Lesedi o ne a kopa banni go emisa go phunya diphaephe tsa metsi ka ba sa bolo go nna ba lela ka metsi.
A re go phunya diphaephe go tlaa dira gore lenaneo la go phatlalatsa metsi le boele morago.
O ne a kopa gore ba ba ka tswang ba itse ba ba dirang jalo ba tsibose mapodisi ka go dira jalo e le borukutlhi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : RADISELE/MOKGWARE
Event : Kgotla meeting
Date : 28 Sep 2023