Breaking News

Ba Mpswe ba ngongorega ka ditirelo

28 Sep 2023

Banni ba kgotla ya Mpswe kwa Serowe ba ngongoregile ka seemo se se sa itumediseng sa matlo a a agelwang batlhoki mo kgaolong ya bone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Teko Tlhokweng a re ntlo e e neng e rolelwa motho ka Labone e ranyegile. 

Rre Tlhokweng a re khansele e tshwanetse go e baakanya pele ga e ka neelwa yo o tshwanetseng. 

O buile jaana kwa phuthegong e e neng e biditswe ke mopalamente wa Serowe Borwa, Rre Leepetswe Lesedi ka Labobedi.

Rre Tlhokweng gape o supile matshwenyego ka ditiro tse di sa feleng, a nankola lebala la metshameko kwa kgotleng ya Mmopi le a reng ba ba neng ba abetswe tiro ya teng ba ne ba emisiwa ntle le tlhaloso epe.

A re kgotla ya Mpswe e wela ka fa tlase ga dikgotla tse dingwe, selo se se dirang gore ditlhabololo di nne bonya go goroga.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Boipelego, Mme Janet Kgwadi a re ba tshwentswe ke tlhaelo ya matlo a barutabana le badiri ba bangwe. Mme Kgwadi a re ba na le badiri ba le masome marataro le bosupa mme matlo a masome mane le bongwe.

“Se se felela se re pateletsa gore badiri bangwe ba nne mmogo mo matlong, selo se ga se re berekele ka go nna go tsoga dikgotlhang tse di feletsang di re jela nako di sekwa go na le gore go lebelelwe mo go ntsheng maduo,” Mme Kgwadi a supa.

O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke leruo le le tlhagelang mo sekoleng, a re matlo a borutelo a tletse boloko, le ditlhare tse ba di lemileng ga di sa tlhole di tshela. 

Mme Kgwadi o kopile banni go tshwaraganela kgang e gore leruo le tswe mo sekoleng.

Monni wa kgotla ya Mpswe, Rre Keodiretse Olerile o supile fa borukhuthi mo kgotleng bo tshwenya. A re ofisi ya sepodisi ya Serowe e kgakala mo ba felelang ba itsapa go ya go ikuel.

A re go ka nna botoka fa kgotla nngwe le nngwe e ka nna le lepodisi.

Rre Bagomotsi Gaolebale ene o ngongoregile ka letlhoko la kago e batho ba emelang thuso mo go yone kwa kokelwaneng ya Nutrition. 

A re fa go le letsatsi, pula kana diphefo batho ba a sokola.

Mopalamente Lesedi o tsweletse ka go buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi go utlwa matshwenyego a batho le go ba rolela tsa palamente e e fetileng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 28 Sep 2023