Pitso ya borre le basimane e botlhokwa
28 Sep 2023
Pitso ya borre le basimane e botlhokwa ka jaana e bua ka dikgang tsa botsogo.
Se se builwe ke Kgosi Visco Tsiane fa a amogela baeng kwa pitsong ya borre le basimane kwa Dutlwe e e neng e rulagantswe ke NAHPA bosheng.
Kgosi Tsiane o tlhalositse fa dikgosi di tshwarisitswe bothata ke dikgang tse di amanang le go tlhoka kutlwisisanyo ya bana le batsadi, bogolo jang ba basimane.
O tlhalositse fa bana ba malatsi a ba inaakantse le go dirisa ditagi le go nwa bojalwa, a re seo se a swabisa ka jaana ba sa ya pitsong go ya go itseela molaetsa.
Ka jalo, o ne a kopa bana go fetoga, a bo a kopa batsadi go ya go rolela bana molaetsa o ba o tsereng kwa pitsong.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa NAHPA, Rre Mompati Masunga o ne a tlhalosa fa maikaelelo a pitso eo e ne e le go bua ka dikgang tsa botsogo tse di amang borre le basimane, a supa fa ba salela kwa morago fa go tla mo dikgannyeng tsa botsogo
Rre Masunga a re dipatlisiso di supa fa bomme ba le masome a boferabongwe le borataro mo lekgolong ba itlhatlhobetse HIV, fa borre go itlhatlhobile ba le masome a a robang bongwe mo lekgolong.
A re ditlhotlhomiso di supa gape fa basetsana ba simolola tlhakanelo dikobo ba le ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le botlhano mme ba dira jalo le borre ba batona mo go bone, seemo se a supileng se tshwenya.
Sebui sa tlotla e bile e le moeteledipele wa Makgotla a Setswana, Kgosi Mothibe Lentswe, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go reetsa le go tlotla ba ba romilweng mo setshabeng.
Kgosi Lentswe o ne a tlhalosa fa Baebele e tlhalosa fa batho ba tshwanetse go utlwa ba ba ba laolang le go ba ineela, ka jaana ba disitse mewa ya bone gore ba tle ba dire jalo ka boikarabelo, e seng ka bohutsana, go nne mo go ka bo go sena thuso.
Kgosi o ne a supa fa go nwa bojalwa, go goga motsoko le ditagi go feditse borre le basimane, a tlatsa ka go re ga go na lelwapa le le sa angwang ke tiriso ya ditagi.
A re go dira jalo go dira gore ba felele ba nna le bakapelo ba le bantsi mme ba sa itirele sepe. O ne a kopa borre go sireletsa malatsi a botshelo a bone a a setseng.
O ne a kopa borre gore ba iphe nako ya go ikhutsa fa ba bereka thata, gape ba je dijo tse di nonotshang mebele.
O kopile banni ba Dutlwe gore e re fa ba dira mabelo a dipitse ka keresemose, ba gase molaetsa oo.
O ne a ba kopa gore ba seka ba lebala bana ba basimane.
Mo go la gagwe, Reverend Mpho Moruakgomo o ne a supa fa ba botsogo ba bua le borre le basimane gangwe le gape go ntsha letlalo la bonna, mme go lebega fa borre ba ikgatholositse molaetsa oo.
Moruti Moruakgomo o ne a tlhalosa fa lefatshe le kile la welwa ke seru sa HIV/AIDS, mme seemo sa tokafala e bile le bana ba ne ba tsholwa ba sena mogare morago ga go tsaya dipilisi tse di ritibatsang mogare.
O ne a rotloetsa borre go phuthologa ba itlhatlhobele HIV gore ba ba thuse go batla palo ya botlhano mo lekgolong ya borre ba ba sa itseng seemo sa bone.
O ne a kopa borre go tsaya dipilisi fa ba ka tshwarwa ka mogare gore ba tshele, a supa fa gompieno go nowa pilisi e le nngwefela ka letsatsi.
O ne a kopa bomme go tsamaya le borre kwa bookelong fa ba ya go ikwadisetsa boimana le gore ba itlhatlhobe botlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : DUTLWE
Event : Pitso ya borre le basimane
Date : 28 Sep 2023