Breaking News

Kgoboki molemi yo o itekang

27 Sep 2023

Rre John Kgoboki ke mongwe wa balemi ba nosetso ba ba tsweletseng ka go nna le seabe mo go jeseng lefatshe leno ka go lema merogo mo lotshitshing lwa noka ya Motloutse.

Rre Kgoboki yo o dingwaga di masome a supa le bobedi o tswa kgakala a wa a tsoga mme a sa ineele mo dikgwetlhong tse balemi ba merogo ba kopana le tsone jaaka letlhoko la motlakase le go phadisanya le merogo e e tswang kwa ntle ga lefatshe leno.

Le fa diemo di ne di le bokete, Rre Kgoboki o ne a itsetsepela le fa dipoelo di ne di se kalo, mme ya re fa a setseng a amogetse seemo teng puso ya tsaya tshwetso ya go gokela motlakase, go thusa balemi ba ba lemang mo letshitshing la Motloutse gore ba kgone go atolosa temo.

Ya re a santse a akabetse, puso ya tswala melelwane go kganela merogo e e tswang kwa ntle mme se, sa mo tiisa moko le go feta ka selelo sa gagwe le balemi ka ene se ne sa arajwa.

Mo nakong eno, Rre Kgoboki o lemile di cabbage di feta dikete tse thataro ga mmogo le beetroot tse a tlaa di rekisetsang mabentlele kwa Selebi Phikwe ga mmogo le ba NAPRO, ba ba natifisang merogo ba bo ba e tsenya mo mabotlolong.

“Fa e ne e se kgwetlho ya metsi ke ka bo ke lemile go feta fa jaanong ke santse ke kgobokanya madi go epa sediba se sengwe se se tlaa ntshang metsi a mantsi go na le se ke se dirisang gore ke kgone go lema go le gogolwane,” Rre Kgoboki a tlhalosa.

A re sediba se a se dirisang se ntsha metsi a mannye, go bo go mo paledisa go ka lema go le gogolwane.

A re le pele o ne a dirisa metsi a a tswang Motloutse mme go ne ga mmusetsa kwa morago ka mangwe a metsi ao a tlhakane le a a tswang kwa moepong wa BCL, mme a sa siamela temo e bile a bolaile rasebowa wa gagwe.

“Ke ikaeletse go baakanya gore ke atolose temo yame. Ke leboga puso ka tshwetso ya go tswala melelwane ka gore re simolotse go bona dipoelo tse di botoka gona le pele,” Rre Kgoboki a supa.

A re go gokela motlakase le gone go mo thusitse go pompa metsi a dirisa motlakase e bile go dirile botshelo motlhofo ka jaanong a nna fela kwa tshimong a sa tle a boela gae jaaka pele.

O rotloeditse Batswana go inaakanya le temo ya merogo, go fokotsa manokonoko a letlhoko la ditiro le tlhaelo ya dijo.

A re go itirela go molemo e bile go ka dira lefatshe leno sekgantshwane mo go tsa temo ya nosetso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : POTSOLOSO

Date : 27 Sep 2023