Molao wa balwala tlhaloganyo o a sekasekwa
27 Sep 2023
Puso e sekaseka molao wa go oketsa dikokelo tse di tlamelang balwala tlhaloganyo lefatshe ka bophara, gore ba kgone go nna gaufi le ba malwapa a bone.
Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Leepetswe Lesedi o boletse jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Serowe bosheng.
Rre Lesedi a re se se tla morago ga go lemoga gore go tlamela balwetse go tlhoka go tokafadiwa.
A re balwala tlhaloganyo ba isiwa fela kwa kokelong ya S’brana kwa Lobatse, selo se se bayang ba lelwapa la molwetse ka fa mosing.
Rre Lesedi a re bangwe balwala tlhaloganyo ba ba gateletsweng ke maikutlo, ba tlhoka go nna gaufi le ba malwapa a bone gore ba tle ba kgone go fola ka pela.
O supile fa molao o wa balwala tlhaloganyo, o siame thata ka dikokelo tse di ka letla gore batsadi ba lekole bana ba bone gangwe le gape.
Rre Lesedi a re ga go a siama go itlhokomolosa balwala tlhaloganyo ka seo se ka ba tlatsa tshakgalo mo ba ka feleletsang ba gobaditse batho mo setshabeng.
Mo melaong e mengwe, Rre Lesedi o ne a tsibosa banni ka maikaelelo a puso a go laola theko le thekiso ya nama ya kgomo.
A re se se tla morago ga go lemoga fa barua-kgomo ba turelwa mme morago ba seke ba je mofufutso wa phatla ya bone go utlwala.
“Molao o o tlhalosa gore ga go sa tlhole go tlaa nna le kgomo e e tlaa tlhabelwang kwa lwapeng kana kwa sekgweng. Nama e tlaa laolwa,” mopalamente a supa.
Rre Lesedi a re dikgomo tsotlhe di ya go isiwa matlhabelong kwa di tlaa fetang di pegwa mo sekaleng, go sekaseka tlhwatlhwa ya tsone e e maleba.
A re se ke go leka go bona gore barui ga ba jewe ntsoma le go fokotsa bogodu jwa leruo jo bo tsweletseng ka go kekela.
Rre Lesedi o ne gape a tlhalosetsa banni ka mogopolo o setshaba se neng sa o baya pele lekoko le le neng le tlhophilwe go tsaya maikutlo mapabi le tshekatsheko ya molao-motheo, gore Tautona a itlhophelwe ke setshaba.
A re mogopolo o ba santse ba tlaa o sekaseka kwa palamenteng e e simololang ka Ngwanatsele.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotla ya Sekao, Rre Kagiso Thebeng a re ba itumeletse kgaoganyo ya dikhansele, ka diphetogo tse di ba tletse ka tse di molemo.
A re ba itumeletse tiro e e dirilweng ke ba Independent Electoral Commission (IEC), ka ba ne ba ba bitsa go ba lekodisa ka kgaoganyo ya melelwane ya botlhophi.
A re kgaoganyo e, e imolotse makhanselara tiro e ntsi e e ntseng e ba lebane.
Rre Thebeng o supile matshwenyego ka sekole se sebotlana sa Simon Ratshosa, a re se segologolo e bile matlwana a sone a borutelo ga a lekane baithuti botlhe.
Mogokgo wa sekole, Mme Ruth Leakwa a re matlwana a borutelo a marataro fela mme palo ya bana ke makgolo a marataro, masome a mane le bobedi.
Mme Leakwa a re ba tlhoka matlwana a borutelo a supa.
Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa ba sa itumelele molao wa theko le thekiso ya nama.
Ba re go tlhatlhela kgomo mo matlhabelong go turu.
Ba re kgang e, e tsile go keketsa tshenyetso setshaba ka bangwe ba tsile go batla gore dikgomo tsa bone di rekwe fela ntswa boleng jwa tsone bo le kwa tlase.
Banni ba ne ba supa fa ba eletsa gore makhanselara a a itlhophelwang, go nne go sekasekelwa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ka ba bereka dikgaolo tsa bone ka botswa pelo e bile ba di itse botoka. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 27 Sep 2023